A kabo ya ditsha e tlhofofadiwe - Baruti
31 May 2022
Kereke e na le seabe se setona mo go ageng setshaba.
Ka jalo molao-motheo o tshwanetse go lemoga seo mme wa dira gore e direlwe thulaganyo e e motlhofo ya go abelwa setsha.
Moemedi wa lekgotla la baruti la Khumaga, Moruti Bapaletswe Motamma o dirile boikuelo jo mo phuthegong ya kgotla ya makgotla a a ikemetseng e e neng e buisiwa ke lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go phutha megopolo ya go sekaseka molao-motheo wa Botswana maabane kwa Motopi.
“A re seka ra tsewa jaaka dikomponi tse di ekemetseng ra lopiwa madi a mantsi fa re kopa ditsha ka se se ka kgoreletsa borapedi,” o ne a bua jaana a kaya fa ditlhwatlhwa tsa nako eno di babalela dikereke.
Fa a iteela mafoko a ga Moruti Motamma kobo moroko, Mme Keodiretswe Robert o ne a kopa gore molao-motheo o pateletse puso go sekaseka madi a a lefisiwang dikereke fa di bewa ditsha, segolo bogolo ka dikereke di sa dire letseno.
“Ka re sa dire dipoelo dipe, re ne re re goromente a re thuse ka dilo di tshwana le dikago ka go ntsha bontlha bongwe jwa ditshenyegelo,” o ne a rolela lekoko mafoko ka tsela e e ntseng jaana.
Moemedi wa ba-na-le bogole mo Motopi, Mme Lemetsi Robert ene o ne a supa fa e le keletso ya gagwe gore molao-motheo o tlame puso go dira gore ditlamelo tse di tshwanang le melemo di nne di le teng mo dikokelong ka dinako tsotlhe.
Go ya ka Mme Robert, tlhaelo ya melemo mo dikokelong e gantsi e patikang batsadi go tsamaya mesepele e meleele ba le mo patlong ya yone kwa dikokelong tse di kwa boMaun le Rakops, e a tshwenya.
“Re kgona go di senka kwa boMaun le kwa boMagotlho re di tlhoke, mme re felele re patelesega go ya le kwa dikheimisting tota,” o ne a akgela jaana.
Modulasetilo wa Legwame Dingaka Association, Rre Raditlhapi Senopile o ne a lela ka katologano fa gare ga dingaka tsa setso le puso.
A re go le gantsi puso e itlhokomolosa dingaka tsa setso le ka dinako tse go a bong go le leshekere jaaka maloba fa lefatshe leno le ne le tlhasetswe ke segajaja sa COVID-19.
A re e re ntswa go ne ga dirwa thulaganyo e e tsepameng go leka go rudisa dikarolo di le mmalwa tsa itsholelo, lekgotla la dingaka lone le ne la seka la bona sepe.
“Re ipotsa gore ka ke rona dingaka re tsileng pele e bile makgotla a tshwana le a baruti a re fitlhela re thusa batho re ba alafa, rona re nyaletswa eng,” ga akgela Rre Senopile yo e leng ngaka ya setso.
Ka moo, Rre Senopile o ne a tlhalosa fa e le keletso ya gagwe gore molao-motheo fa o tlhabololwa o lemoge o bo o reetse lentswe la dinga tsa setso.
“Ha e le gore go na le bothata a goromente a re bitse kana fa a batla re ye go bua kwa palamenteng.
Nna nka tsamaya ka buelela lekgotla le ke le emetseng ka e le tshwanelo ya me,” o ne a bua jaana.
Fa a bua kwa bothokong le BOPA, Rre Senopile o ne a tlhalosa fa dilo dingwe di tshwana le tiego ya go abelwa ditsha di baya maloko a lekgotla la gagwe ga mmogo le morafe o ba o thusang ka fa mosing ka ba nna lebaka le letelele ba sena mafelo a ba ka tlhatlhobelang mo go one. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : MOTOPI
Event : Tshekatsheko molao-motheo
Date : 31 May 2022