Go itseela botshelo ga bomme go a tshwenya
31 May 2022
Mapodisi a Serowe, a tlhotlhomisa dipego tse tsa gore bomme ba le babedi ba ikgapetseng botshelo.
Mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng a re ga go ise go tlhaloganyesege sentle mabaka a gore bomme bao ba bo ba dirile jalo.
Mo tiragalong ya ntlha, Superintendent Oteng a re bosheng jaana mme wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe wa kgotla ya Bope kwa Mmashoro a tlhokafetse morago ga go ikaletsa ka kgole ya setlhako gone kwa Mmashoro.
A re mme yoo o ne a bonwa ke mofeti ka tsela mme ga go na molaetsa ope o a o tlogetseng fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse go bona se se bakileng gore a ikaletse.
Superintendent Oteng a re mme wa dingwaga tse di masome mararo wa kgotla ya Mosenya kwa Serowe le ene o fitlhetswe a tlhokafetse morago ga go dirisa mogala wa motlakase go ikaletsa.
A re moswi ga a a tlogela molaetsa o pe o o supang se se mo gogetseng kwa go ikgapeleng botshelo.
Superintendent Oteng o kaile fa dikgang tsa mofuta oo di kekela mo kgaolong ya gagwe.
O boletse gape gore go tlhotlhomisiwa lekawana la dingwaga tse di masome mabedi le botlhano mabapi le polao ya mme wa dingwaga tse di masome mabedi le bosupa wa kgotla ya Sebabi kwa Serowe.
A re mme yoo, o fitlhetswe a tlhokafetse fa molapong, mme ditlhomiso di gogela kwa lekawaneng leo, le le santseng le tshegeditswe ke mapodisi.
Gangwe le gape mapodisi a kgothatsa setshaba go kopa thuso fa go na le mathata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : potsolotso
Date : 31 May 2022