Breaking News

Khama o tlaa bolokwa Labotlhano

31 May 2022

 Morwadia tautona wa ntlha wa lefatshe leno e bong Mme Jacqueline Khama o tlaa bolokelwa mo Serowe ka Labotlhano.

Mme Khama ke leitibolo la ga Sir Seretse Khama le Mohumagadi Ruth e bile ke ene mosetsana a le esi.

Mme Khama o tlhokafetse kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome mabedi le bone a na le dingwaga di le masome a supa le bobedi.

Mo potsolotsong, rangwaneagwe e leng Rre Mokhutshwane Sekgoma o tlhalositse fa e tlaa re ka Labone serepa se goroge mo Serowe mme morago se fetisediwe kwa setsidifatsing.

A re e tlaa re ka nako ya bone mo tshokologong ya lone letsatsi leo go tshwarwe segopotso sa gagwe kwa kereng ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) gone mo Serowe.

Rre Sekgoma o tlhalositse fa tirelo ya phitlho e tlaa nna ka Labotlhano ka nako ya bosupa kwa kgotleng kgolo ya Serowe. 

A re mo nakong eno merapelo e tsweletse mme e tshwarelwa gone mo kgotleng kgolo ya Serowe ka nako ya bone tshokologo.

O ne a supa fa e le ba bogosi ba itumeletse gore ngwana wa bone o tlaa fitlhelwa mo gagabo mo Serowe mme ba ga Mmangwato le setshaba ka kakaretso ba tlaa nna le monyetla wa go mo fitlha.

Ka jalo o ne a supa fa ba tlaa arogana dikitsiso tse di ka nnang teng le setshaba fa beke eno e ntse e tsweletse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : potsolotso

Date : 31 May 2022