Breaking News

A lefatshe la temo-thuo le tsenngwe ditlamelo

30 May 2022

Lefatshe la temo-thuo fela jaaka la bonno le tshwanetse la tsenngwa ditlamelo pele ga le abiwa.

Komiti ya balemi-barui ya motse wa Rakops e boleletse lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo mo setšhabeng mapabi le ntšhafatso ya molao-motheo fa le etetse motse oo maabane fa go dira jalo go ka nonotsha maiteko a lefatshe leno a go ntsha dijo tse di lekaneng.

Moemedi wa komiti Rre Lamogae Motaung o tlhalositse fa kabo ya lefatshe la bonno e tsamaisiwa sentle ka ebile le abiwa le setse le tsentswe ditlamelo, selo se a tlhalositseng fa se tlhaela kwa go la temo-thuo ka lone le abiwa le sa twe sepe.

Rre Motaung a re keletso e nngwe ya bone ke gore puso e sege e bo e tlhabolole dipolase ka go di tsenya ditlamelo mme morago e di abele barui go ya ka gore ba tlhoka tse di bogolo bo kae.

O ne kwa bofelong a gatelela botlhokwa jwa gore tsamaiso lefatshe e ntshiwe mo go dirweng go ikaegilwe ka melawana (policies) mme e tsenngwe mo molao-motheong gore e tle e tsepame e bo e dirwe ka tsela e e tshwanang.

Moemedi wa lekgotla la babereki ba meepo Rre Leagajang Segonyane o ne a gakolola gore go tlhongwe dituelo tse di ka letlang babereki go seke ba kokonelwa bobe ke mabaka a itshetso.

A re mo nakong ya gompieno dikompone le fa di duela babereki madi a a botoka, fa di tsena mo Botswana di diga dituelo ka di sa tlangwe ke sepe go duela babereki sentle.

Rre Segonyane o ne gape a kopa gore molao o tlame bahiri go tlamela babereki ba ba tlogetseng tiro ka go ba duelela go dira ditlhatlhobo go rurifatsa ga bana malwetse a a ka tswang a bakilwe ke tiro e ba neng ba e bereka.

A re bahiri ba tshwanetse ba duelela ditlhatlhobo tseo dingwaga di le lesome morago ga go tlogela tiro ga mmereki, mme e re fa go ka tshwarwa bokoa mo mmereking yoo wa pele a thusiwe ka bongaka le sepe fela se se maleba se akaretsa le phimola-keledi.

O ne a boa a kopela babegadikgang go akarediwa mo ditlhopheng tsa batho ba molao o rebotseng gore ka nako ya ditlhopho ba tlhophe pele ka ba na le seabe mo tsamaisong ya ditlhopho ka letsatsi le setshaba se tlhophang ka lone.

Mme Bashingi Boingotlo wa komiti ya tlhokomelelo balwetse kwa malwapeng o kopile gore baithaopi ba komiti eo ba thapiwe e le babereki ba puso.

Seo, o boletse fa e tla bo e le go lemoga botlhokwa jwa tiro ya bone, e a kaileng fa e tlaleletsa ditirelo tsa botsogo tse puso e di neelang setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : RAKOPS

Event : Tshekatsheko molao-motheo

Date : 30 May 2022