Breaking News

Banni ba tshwenngwa ke dikgang tsa botsogo

30 May 2022

Banni ba Pilikwe ba kopa gore seemo sa tlhaelo ya melemo le go tlhoka ngaka kwa kokelwaneng ya motse se tsibogelwe ka bonako.

Ba ntshitse kopo e mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Sefhare-Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang kwa motseng oo bosheng.

Ba ne ba tlhalosa fa seemo se se sa ba jese diwelang ka jaana se baya matshelo a bone mo diphatsheng.

Mo go la gagwe, Mme Connie Gaorekwe o ne a tlhalosa fa go le bokete mo go bone ka jaana ba tshwanelwa ke go ithekela dipilisi kwa marekisetsong a a ikemetseng.

Mooki go tswa mo kokelwaneng ya Pilikwe, Mme Cecilia Molaodi o ne a tlhomamisa fa e le boammaaruri go na le tlhaelo ya melemo.

Le fa go ntse jalo, Mme Molaodi o ne a supa fa go na le thulaganyo e e dirilweng bosheng ya gore batho ba tseye melemo e e seyong mo kokelwaneng ya bone kwa marekisetsong a a ikemetseng mme go setswe ditsetlana dingwe morago.

O ne a tlhalosa fa ba ne ba ntse ba leka go thusa balwetse ka go ba tseela melemo kwa dikokelong tse dingwe, mme go sa tlhole go kgonagala ka jaana koloi ya kokelwana e ba neng ba e dirisa e sa tlhole e le teng.

Mo go tse dingwe, mothusa Kgosi, Rre Johane Rakumako o ne a lebogela puso go diragatsa tsholofetso ya yone go isa metsi kwa motseng wa gagwe.

Mo go la gagwe, Dr Gobotswang o ne a lekodisa banni ka melao-kakanyetso e e fetisitsweng kwa palamenteng.

O ne gape a ba tlhalosetsa fa go tlhomilwe lekoko le le tlaa tsamayang le rulaganya go kgaoganya dikgaolo dingwe tsa botlhophi ka jaana palamente e ne ya dumalana gore di okediwe go tswa kwa go 57 go nna 61.

Dr Gotswang o ne gape a ba itsese fa tsela ya Radisele-Pilikwe e seyo mo lenaneong la ngwaga wa madi wa 2022/2023 mme e tlaa akarediwa mo nakong e e tlang.. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Simane

Location : PILIKWE

Event : Phuthego

Date : 30 May 2022