Bomme ba lwantsha kgokgontsho
29 May 2022
Ka go lemoga fa letlhoko le tlhotlheletsa bomme go ineela mo kgokgontshong, mokgatlho wa Drivers of Change o ikaelela go ruta bomme ka methale ya itshetso go hema seemo se.
Mokgatlho o wa maloko a le lesome le bongwe o eletsa go bona bomme ba ikemetse o ba thusitse go tswa mo kgokgontshong e e atileng kwa Kachikau, e gantsi e dirwang ke borre ka e le bone ba ba nang le itsholelo e e fa godingwana.
Fa ba ipega kwa boeteleding pele jwa motse bosheng, Mme Sense Mokoti o ne a re mokgatlho o, o mo lenaneong la go ikwadisa ka fa molaong go lepalepana le kgokgontsho e e golang mo motseng wa bone.
A re gantsi mme o ineela fela mo kgokgontshong ka jaana mokgokgontshi e le ene a tshegeditseng lelwapa.
Mokgatlho o bile wa apaya dijo tsa motshegare go ikokoanyetsa madi ka lone letsatsi leo.
A re kwa ntle ga go ruta banni ka kgokgontsho le go leka go e hema, ba ikaelela go nna ba apaya dijo ba di rekisa mme ba kgaogana madi gore ba kgone go thiba fale le fale mo matlhokong a bone.
A re ke lengwe la maele a ba ikaelelang go a amogana le bomme ba bangwe.
Mme Mokoti a re ba lemogile gore le fa puso e leka go tokafatsa itsholelo ka lenaneo la Ipelegeng, ga go a lekana ka jaana go tsaya dikgwedi tse pedi gore motho a thapiwe gape.
Mme Mokoti a re ba lemogile gore ga se mongwe le mongwe yo molaetsa o gorogang kwa go ene ka jaana go le gantsi makalana a a dirang le dikgang tsa kgokgontsho a itebaganya fela le maloko a mekgatlho le dikomiti tse di farologanyeng mme maloko a Drivers of Change one a tlaa tsen antlo le ntlwana mo motseng a ruta.
A re fa mokgatlho o ntse o gola ba tlaa o atolosa le metse e mengwe mo Chobe Enclave mme e bile ba kopa setsha sa go aga fa bomme le bana ba ba kgokgontshiwang ba ka nnang ba tshabela teng ka nakwana.
Leloko le, le ne la re go tlhoka lefelo la ba ba kgokgontshiwang go na le seabe sa gore kgokgontsho e seka ya begwa ka jaana yo o kgokgontshiwang a ka nna le ketsaetsego ya gore morago ga go bega o ya go ya kae, fa e se go boela kwa mokgokgontshing.
Mme Mokoti o bile a re maikaelelo a mangwe a letsatsi leo ke go ipega mo go ba ofisi ya bong, ba ga molaodi le ba bogosi.
O ne gape a kopa ba office ya bong go tlhatlhelela mokgatlho wa Drivers of Change ka dikgang tsa kgokgontsho.
Fa a ntsha la gagwe, mogolwane mo ofising ya dikgang tsa bong Mme Constancia Basinyi o ne supa fa dikgang tsa kgokgontsho e le kgwetlho mo kagolong ya Chobe, a supa gore di gogwa kwa pele ke Kazungula, go latele Kasane go bo go tsena Kachikau.
A re dikiteo tse gantsi bomme eleng batswa-setlhabelo di dintsi.
Mme Basinyi a re go a itumedisa go bona bomme ba tshwana le ba Drivers of Change ba eme ka dinao ba batla go dira pharologanyo mo motseng wa bone, a supa fa ofisi ya gagwe e tlaa tlhatlhelela komiti eo ka e bile dikgang tsa kgokgontsho di le masisi.
Molaodi wa kgaolo, Mme Sekgabo Makgosa ene o ne kopa moloko a Drivers of Change gore a seka a tlogela borre kwa morago mo maitekong a bone ka jaana borre ba ka kgona go isa molaetsa kwa go ba bangwe motlhofo.
O ne a leboga gore setshaba fa se lemoga gore dikgang tsa kgokgontsho di ka seke di tlogelelwe maphata a puso a le nosi.
Kgosi Mmualefhe Mmualefhe o ne a lebogela maiteko a maloko a Drivers of Change, a supa gore dikgang tsa kgokgontsho ke lesokolela lefatshe ka bophara, mme a supa fa a na le tshepho ya gore fa batho ba ka ema ka dinao seemo se tlaa ritibala.
Kgosi Mmualefhe o ne a kopa maloko a mokgatlho oo go itshwaranganya le mekgatlho e mengwe ya motse jaaka wa tshireletso ya bana ka jaana dikgang tsa bana le tsa kgokgontsho di a tsamaelena. BOPA
Source : BOPA
Author : Keamogetse Letsholo
Location : KACHIKAU
Event : Phuthego
Date : 29 May 2022