Breaking News

Go gopola ba ba tshelang ka mogare go botlhokwa

29 May 2022

Go ema nokeng ba ba tshelang ka mogare wa HIV go botlhokwa ka go tsisa tsholofelo le go fokotsa dintsho tse di bakwang ke go tlhoka go  itseela kgato.

Go fokotsa kgethololo kgatlhanong le ba ba tshelang ka mogare le gone go ka ba rotloetsa go nwa melemo sentle le gone go lemoga gore ba botlhokwa mo setshabeng.

Se se builwe ke mogokaganyi wa mokgatlho wa Batshela le Mogare wa HIV/AIDS (Botswana Network of People Living with HIV/AIDS - BONEPWA) wa kgaolo ya Mahalapye, Rre Edmond Bodilenyane kwa segopotsong sa batho ba ba tlhokafetseng ka lebaka la mogare wa HIV kwa Kalamare ka Labotlhano.

O tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi leo gape e le go fa tlotla ba ba intshitseng setlhabelo go thusa ba ba tshelang ka mogare le ba ba amilweng ke mogare wa HIV.

A re ba ikaelela go tsibosa setshaba ka mogare wa HIV le mananeo a a leng teng jaaka a thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng (PMTCT),  le la go simolola go nwa melemo e e ritibatsang mogare fa motho a sena go tshwarwa ka mogare (Treat All).

Rre Bodilenyane a re go tshuba kerese e khibidu ka letsatsi leo go supa go gakologelwa ba ba tlhokafetseng mme e tshweu e tshubelwa tsholofelo mo go ba ba tshelang ka mogare.

Fa a neela tekodiso ka seemo sa HIV/AIDS mo kgaolong ya Mahalapye, mooki mogolo, Mme Ruth Olebetse o boletse fa ba tshwenngwa ke balwetse ba ba sa tseyeng kalafi sentle ka lebaka la go fuduga le go fetola megala mo go bakang gore ba seka ba lomagana le ba bongaka sentle.

Mme Olebetse a re ba na le balwetse ba le 21 305 ba ba nwang melemo e e ritibatssang mogare mme a tlhalosa fa e se botlhe ba ba tsayang kalafi sentle.

O ne a rotloetsa gore bomme ba ikwadisetse boimana go santse go na le nako gore mogare o seka wa fetela kwa maseeng fa ba na le one.

Mme Olebetse a re kgwetlho e ba nang le yone ke gore bomme ba ikwadisa nako e setse e ile ka lebaka la go tlhoka ditlamelo tsa botsogo gaufi le bone.

O boletse fa kgwetlho e nngwe e le ya batho ba ba sa nweng melemo e e ritibatsang mogare sentle mo go dirang gore fa ba ima bana ba tsenwe ke mogare fa bangwe selo se se ba koafatsa thata.

O tlhalositse fa ngogola ba ne ba gatisa dipalo tsa bomme le borre ba le 233 ba ba nang le mogare, fa monongwaga ba gatisitse batho 83.

Mothusa moruti wa kereke ya ZCC kwa Mahalapye le tikologo, Rre Gosirang Noke a re go botlhokwa gore setshaba se ipelele tse se di kgonneng mme se tswelele ka go lwantsha mogare gore ba ba iseng ba amege ba tswelele ka seemo seo.

Rre Noke o tlhalositse fa mo ngwageng wa 2021/2022 batho ba le 40 420 ba ne ba itlhatlhobela mogare ntswa kgaolo ya Mahalapye e na le 124 590.

A re kgang e e supa fa bangwe ba sa ikitse seemo.

O ne a gakolola setshaba gore e seka sa ikgatholosa malwetse a a sa tshelanweng ka le one a na le seabe mo go gakatseng manokonoko a mogare.

A re o tshwenngwa ke boimana jwa bana mo kgaolong, ka jalo a rotloetsa batsadi go emela kgang eo ka dinao.

Rre Noke o ne a gakolola ba ba tsileng pitsong go rotloetsana go tsaya ditlamelo tsa botsogo, le go kgala kgethololo mo go ba ba tshelang le mogare gore ba kgone go ikamogela le go lemoga gore ba a amogelesa mo setshabeng.

O rotloeditse setshaba go itlhatlhoba le go tsaya ditlamelo tsa botsogo sentle ka go dira jalo go ka thusa go fokotsa dipalo tsa batho ba ba tshelang le mogare, go tokafatsa botsogo jwa setshaba le go fokotsa dintsho tse di bakwang ke mogare wa HIV. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaone Fati

Location : KALAMARE

Event : Letsatsi la segopotso

Date : 29 May 2022