Mokubilo Ba re badirelapuso ba se tsamaise ditlhopho
29 May 2022
Tsamaiso ditlhopho e tshwanetse ya seka ya akaretsa badirelapuso go tsamaelana le kiletso ya khiro ya bone e e itsang go tsena mo sepolotiking.
Moemedi wa banni ba Mokubilo Rre Mbako Mojanaga o boleletse lekoko le le romilweng ke Tautona go tsaya megopolo mo setšhabeng mabapi le tshekatsheko ya molao-motheo fa le etetse motse koo ka
Labone, gore fela jaaka molao wa bone wa pereko o ba itsa go ikamanya le sepolotiki, go dirisiwa ga badirelapuso ka letsatsi la ditlhopho go tshwanetse ga emisiwa.
Rre Mojanaga a re mo boemong jwa badirelapuso, go batlwe batho e seng badirelapuso go tsamaisa ditlhopho.
A re seabe sa badirelapuso fela jaaka sa motho mongwe le mongwe se felele mo mo go tlhopheng.
Mo ntlheng e sele, Rre Mojanaga o ne a kopa gore dikgaolo-potlana di atolosiwe go nna dikgaolo tse di feletseng, a tlhalosa fa seo se ka tokafatsa go isiwa ga ditirelo kwa setšhabeng.
Mo boemong jwa banni ba Mmea, Mme Balemogi Pono o ne a kopa gore go okediwe palo ya baemedi kwa Ntlong ya Dikgosi ka go tsenya baemedi ba merafe e mengwe, go tlatsa merafe e e ferangbobedi e e emetsweng koo.
Mme Pono a re fa seo se sa kgonege go dirwe thulaganyo e ka yone merafe yotlhe ya lefatshe leno e tlaa fapaanelang go ya kwa Ntlong ya Dikgosi.
Fa a itebagantse le go fefosa go sekwa ga dikgang tsa tiriso botlhaswa ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo, o ne a kopa gore ditsheko tseo di reediwe fela ke makgotla a ditsheko a Setswana.
A re e re ka dikgang tseo di le masisi, go botlhokwa gore di fefogelwe, mme a supa fa seo se se bonolo kwa ga mmakaseterata ka go na le mokgobe wa dikgetsi koo.
Rre Phankgi Resetse o ne ene a kopa gore tlhopho ya ga tautona e seka ya fetolwa.
A re go itlhophela tautona go ka kgaoganya setshaba ka batho jaanong ba ka tlhopha motho ba lebile gore o tswa ntlha efe ya lefatshe.
E ne e rile go le pele a amogela batsenaphuthego, Kgosi Badigeng Resetse wa Mokubilo a kopa gore morafe wa Basarwa o rebolwe go itlhomela kgosikgolo gore le one o tle o itsege o bo o tlotlwe.
A re go bo Basarwa ba gasame le lefatshe ebile puo ya bone e farologana ga go a tshwanela go lejwa e le sekgoreletsi sa keletso eo ya bone.
Fa a leboga, Kgosi Paulson Keitlhaganetse wa Mmea o ne a supa fa go le botlhokwa gore bogosi le sepolotiki di kgaoganngwe.
A re go supa dikgosi ka monwana gore di tlhagelela mo sepolotiking ga go maleba, a supa fa go okamelwa ke tona yo a leng lepolotiki e le sengwe sa dilo tse di gogelang magosi mo polotiking. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MOKUBILO
Event : Tshekatsheko molao-motheo
Date : 29 May 2022