Breaking News

A ditumalano le ILO di diragadiwe mo lebakeng le le khutshwane

29 May 2022

Go diragatsa ditumalano tsa mafatshefatshe tsa lekgotla la pereko (ILO) tse lefatshe la Botswana le di bayang monwana go tshwanetse ga nna mo lebakeng la ngwaga go ya ko go tse pedi.

Go nna maoto a tshupa go diragatsa ditumalano tseo go rontsha babereki go akola ditshwanelo tse di di rurifatsang.

Go buile jalo modulasetilo wa lekalana la Botswana Mining Workers Union (BOMU) la Orapa, Rre Onkgopotse Boitshwarelo fa a ne a rolela mogopolo lekoko le le romilweng ke Tautona go sekaseka molao-motheo wa lefatshe la Botswana mo toropong ya Orapa ka Labotlhano.

“A molao-motheo wa lefatshe leno o tlame gore mo sebakeng sa ngwaga go yako go tse pedi, puso e bo e diragaditse ditumalano tse gore babereki ba seka ba nna ka fa mosing,. ” Rre Boitshwarelo o ne a bua jaana mo phuthegong ya makoko a a ikemetseng ka nosi e e neng e buisiwa ke lekoko.

O ne gape a kopa gore molao-motheo o neele ofisi ya tsa pereko dithata tse di tseneletseng e seng go gakolola fela mo dikgannyeng tsa pereko.

A re ka ofisi eo ke lekgotla la tetlanyo le le tshepiwang thata ke Batswana go rarabolola dikgang tsa bone tsa pereko, ka jalo e tshwanetse ya nonotshiwa, gore mmeriki a seka a jewa ntsoma ke mohiri.

Ka kgang ya tshwanelo ya boloko le go dira tiro ya makgotla a tshwana le a babereki, Rre Boitshwarelo o kopile gore molao-motheo o sireletse babereki ba go nna jalo gore ba seka ba kgokgontshiwa ka tsela epe fela ke bahiri.

A re go le gantsi badiri ba ba iphitlhelang ba dira tiro ya makgotla a babereki mme ba thapilwe golo gongwe ba felela ba bewa ka fa mosing ke bahiri ba bone ka ditsela tse di farologanyeng.

“Dithata di ko mohiring, ntlha e a e sekasekwe tshwanelo ya mhiriwa e wele e tsipame e re le nna ha ke tlhophiwa go ya go dira tiro ya lekgotla ke bo ke sena matshwenyego ape a nka kopanang le one kwa morago,” a rialo.

Fa a tswelela, Rre Boitshwarelo o boleletse lekoko fa ele keletso ya lekalana le a le eteletseng pele go bona tautona wa lefatshe la Botswana a itlhophelwa; selo se a dumelang fa seka thusa gore Batswana tlhophe moemedi yo lenaeno la gagwe la ditlhabololo le nonofileng.

O boletse gape gore dinako tseno tsa diphetogo di batla gore boemedi segolobogolo ja palamente e bo e le jo bo nonofileng.

A re go emela maemo a bopalamente, motho o tshwanetse a bo a na le dithutego tsa Diploma. O boletse gape fa go le botlhowa gore matona a puso a thapiwe kwa ntle ga palamente.

Rre Boitshwarelo a re go dira jalo ka tlisa maduo ka jaana mapalamente le matona ba tla dira ditiro tsa bone ba sosologile.

“Go ya ka tsamaiso ya nako eno matona ga a letlelesege go buelela dikgaolo tsa one. Selo se se baya dikgaolo tsa go nna jalo ka fa mosing,” a tlhalosa jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : ORAPA

Event : Tshekatsheko molao-motheo

Date : 29 May 2022