Breaking News

Autlwetse o lekodisa magosi a kgaolo potlana ya Mahalapye

26 May 2022

Magosi a kgaolo-potlana ya Mahalapye a lebogile tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse go kopana le bone go tlhalosa ka botlalo se se bakileng kgotlhang fa ga re ga ga Tautona Dr

Mokgweetsi Masisi le tautona wa pele Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama.

Fa ba akgela mo mafokong a ga Rre Autlwetse mo phuthego ya kgotla e neng e tseneletswe ke magosi a kgaolo-potlana ya Mahalapye kwa kgotleng ya Mahalapye bosheng, mothusa Kgosi ya Mahalapye, Kgosi

Tshipe Tshipe o supile fa morero ele one konokono e lefatshe la Botswana le ikaegileng ka one.

“Dikgang di ntse di utlwala ka ditsela tse di farologaneng, mme go a lebosega tona gore a bo o iphile sebaka go tla go ditlhatswa.

A kgang e, e nne modiga re dibele kagiso e lefatshe la rona e itsegeng ka yone,” ga tlatsa Kgosi Tshipe.

Kgosi Tshipe o supile fa go le botlhokwa go bopa kagiso ya lefatshe le gore Batswana botlhe ba bopagane.

Tona Rre Autlwetse o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno seemo sa kgang se ise se fetoge e bile kgang e ise e bone tharabololo.

O kopile magosi go bona gore le  bone ba ka nna le seabe sefe mo go thuseng go rarabolola kgang e.

Mo godimo ga moo, Rre Autlwetse o rotloeditse magosi go dibela serodumo sa bogosi ka go iphapha mo dikgannyeng tsa sepolotiki.

Fa a letedisa ka fa tlhokakutlwisisano e simolotseng ka teng,  Rre Autlwetse  o supile dikgang tse di amanang le dipalo tsa baapei ba ga Tautona wa pele, dipalo tsa batlhokomedi ba itshireletso, go tlhophiwa ga ga mothusa Tautona yo mo setilong le go tlhophiwa ga ga Tautona wa pele go nna Mookamedi wa makalana otlhe a tsa itshireletso jaaka Botswana Defence Force, Botswana Police Service, Directorate of Intelligence and Security Services (DISS) le tse dingwe.

Tona a re Tautona wa pele Dr Khama o ne a batlile gore a nne le baapei ba le bararo, batlhokomedi ba itshireletso ba le lesome le botlhano, mongwe le mongwe wa bone a na le tlhobolo ya gagwe e bile ba sa di fapaanele le gore mothusa tautona e tshwanetse ya nna monnawe, e bong Rre Tshekedi Khama, e seng Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane.

“Mme potso ya nna gore a ditshwanelo tsotlhe tse tautona wa pele a neng a dikopa a ke tse di kileng tsa fiwa bo Tautona ba bangwe ba pele le gone gore a mme gone a go aga go nna jalo gore Tautona fa a tsena mo setilong o tlhophelwa mothusi wa gagwe kana ke ene a itlhophelang mothusi wa gagwe,” ga bua Tona Autlwetse.

Go ya ka fa molaong, tona a re Tautona yo mo setilong ke ene a itlhophelang mothusi wa gagwe.

“Tautona wa pele le ene, o na le ditshwanelo tsa gagwe, tse di ka fa molaong.  Ditshwanelo tse, ga di fopholetswe, di teng di foo, go simolola ka dikamogelo tsa gagwe, dikoloi tse a tsamayang ka tsone, ofisi ya gagwe le boroko ja gagwe,” a tlhalosa.

Kwa tshimologong go leka go rarabolola tlhokakutlwisisano e, Rre Autlwetse a re Tautona Masisi o ne a sekaseka gore o ka kopa bomang go ba letlanya gore go nne le kagiso.

Tautona Masisi, o ne a kopa Tautona wa pele Dr Festus Mogae, bo tona ba pele Rre David Magang, , Rre Patrick Balopi le Rre Ray Molomo go a thusa mo go rarabololeng kgang e.

Morago ga moo, a re ba ne gape ba kopana le Tautona Khama gore le ene ba utlwe bontlha ba kgang ya gagwe, ‘mme se se neng sa tlhaloswa ke Tautona Masisi ya nna sone se Tautona Khama le ene a neng a se tlhalosa.’

Maiteko a, a re a ne a seka a atlega ka Dr Khama a ne a supa fa a sa itumelele ka fa bone jo bo ba letlanyang ka teng. Rre Autlwetse, a re Dr Khama o ne ikopela gore a fiwe sebaka go tswa ka maina a batho ba a dumelang ba ka ba letlanya, mme a nankola; Mogwebi yo o ikemetseng Rre Satar Dada, tona wa pele Rre Charles Tibone le Moemedi wa pele wa Botswana kwa mafatsheng a sele Rre Legwaila Legwaila.

Are maiteko a boraro jo, le one a ne a seka a atlega. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : MAHALAPYE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 26 May 2022