Breaking News

Tshwaragano e botlhokwa - Ramogapi

26 May 2022

Bogogi jwa motse wa Palapye bo kopilwe go nna ba kopana go lekodisana ka ditlhabololo tsa kgaolo ya bone ka go dira jalo go ka ntsha maduo.

Bokopano jwa mofuta o, ke go rerisana le go ba thusa go nna moono mongwe gore letlhoko legolo la ditlhabololo tse di tshwanetseng go dirwa ke di fe.

Mopalamente wa kgaolo ya Palapye Rre Onneetse Ramogapi o buile jalo kwa phuthegong ya  gagwe le bogogi jwa kgaolo ka Labobedi.

A re mo bo gompienong letlhoko legolo ke sepatela , ditsela le kgopo ya metsi a pula.

Mopalamente a re le fa go ntse jalo, ditlhabololo tse eleng tsa potlako tsone di tlaa dirwa fa di bonetswe madi.

A re kgang e nngwe e e tshwenyang ke ya tlhaelo ya melemo kwa dipateleng, a tlhalosa fa lephata la botsogo le dirile thulaganyo gore balwetsi ba ka tsaya melemo kwa madirelong a melemo aa ikemetseng fa e seyo kwa dipateleng.

A re lenaneo le ga letlhaole le akaretsa motho mongwe le mongwe yo o tlaa bong a fitlhetse go sena melemo e a e kwaletsweng ka jalo  a re  bogogi bo ele tlhoko gore batho ba bona thuso sentle.

O supile fa borukuthi bo le kwa godimo mo kgaolong ya gammogo le kgokgontsho ya bong.

Mopalamente o ne a ba lekodisa ka melao mengwe ee fitisitswe kwa Palamenteng jaaka ya mekgatlho le tiriso ya lefatshe, a tlhalosa gore dikereke tsotlhe le mekgatlho di tshwanetse tsa  ikwadisa sesha.

A re direke tse disha tsone di ikwadisa ka maloko a le 150, se se bakileng gore puso e lemoge fa dikereke di runya ka bontsi fa mekgatlho bontsi e sa  tlhole e bereka.

Mokhanselara wa kgaolo ya Serorome Bophirima Rre Thabo Seomile a re ditsela tse di dirilweng ka ditena di sa direlwa dikholobete kgotsa motsamao wa metsi  ka jalo fa dipula dina metsi a tlala mo motseng.

Rre Seomile a re bogodu jwa leruo bo a  tshwenya  ka gore badira molato ba ntshiwa ka beile a re ditsheko tsa bogodu jwa leruo di  isiwe kwa makgotleng a setswana.

Mothusa Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Catherine Bolele a re bantse ba sena letseno kwa holong ka lebaka la COVID-19 ba bo ba kgaolelwa metsi.

Mme Bolele a re ba tshwenngwa ke banana ba ba senyang kwa holong, ba dirisa matlwana a boitiketso le botlhapelo.  

Mogolwane kwa ofising ya ga molaodi Rre Moshe Botshabelo a re seemo sa tlhaelo ya melemo se bakilwe ke gore madi ane a fedile a tlhalosa gore mo nakong ya gompieno  se ritibetse ka gore madi a ne a bonala.

Rre Botshabelo o tlhalositse fa sepatela se tsentswe mo lenaneong la ditlhabololo la NDP12 a tlholosa gore dikgang tse dingwe tsa bone o tla di tsaya mofago. Modulasetilo wa Khansele potlana ya Palapye Mme Khumoyame Lekoko a re tumelo ke gore madi fa a nna teng ditlhabololo tse di neng di eme di tlaa tswelela.

Mme Lekoko o kgothadi tse makhanselara go tswelela ba tshwaraganye le Mopalamente  wa bone gotlhabolola kgaolo.

A re Borukuthi bo tshwanetse go tshwaraganelwa a re ba tlaa kopana le komiti e tona ya twantsho borukuthi go leka go hema seemo.

Mopalamente o ne a ba solofetsa go sala dikgang tsa bone morago le maphata a a maleba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PALAPYE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 26 May 2022