Breaking News

Mekgatlho e rotloediwa go dupa dibuka

26 May 2022

Go dupiwa ga dibuka tsa madi mo mekgatlhong ee ikemetseng go botlhokwa  ka go ka thusa gore e bone dithuso tsa madi go tswa kwa dikomponeng.

Mopalamente wa kgaolo ya Palapye Rre Onneetse Ramogapi o  gakolotse se fa a buisa phuthego le mekgatlho le makgotla aa ikemetseng bosheng.

A re go dira jalo go tla supa fa mekgatlho e obamela molao, ebile ele tsela nngwe ya go supa  tiriso ya madi ee tlhamaletseng.

O ne aba lekodisa ka diphetogo tse di dirilweng mo molaong wa tiriso ya lefatshe a re ba tshwanetse go itse thata ka molao o, fa ba na le keletso ya go ikopela lefatshe.

Mo tekodisong ya gagwe, Rre Karabo Pule  wa mokgatlho Mopipi International trust o tlhalositse  fa ba itebagantse le go lwantsha mogare le bolwetsi HIV/AIDS ka go ruta le go rotloetsa tiriso ya sekausu.

A re ba lemogile gore batho ba tlhaela kitso ka tiriso sekausu sa bomme selo se areng se dira gore ba seka ba e kgatlhegela.

Rre Pule a re kgwetlho ya bone e tona ke go tlhoka madi go tsweledisa maikaelelo a bone le lefelo le ba direlang mo go lone selo se areng se kgoreletsa tiro ya bone.

Mme Tshepiso Kabelo wa mokgatlho wa BOCAIP a re ba itemogetse fa go na le bana bale bantsi ba ba tlogelang dikole ka mabaka a boimana mo Palapye. A re ba lemogile gore seemo se, se bakiwa ke lehuma le ditagi.

O tlhlositse fa ba latedisa bana ba kwa malwapeng mme ba lemogile fa batsadi ba bangwe  ba sena botsalano le bana ba bone.

 Mme Kabelo a re mathata a bone ke mafelo a ba dirilang mo go o ne le dikatso tse di kwa tlase. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PALAPYE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 26 May 2022