Breaking News

Banana ba kgotla ya Selolwane ba abile dikobo

26 May 2022

Banana ba setlhopha sa Gwemimotsha Tjilas ba kgotla ya Selolwane kwa Tutume ba abetse batho ba le lesome le botlhano dikobo. Modulasetilo wa mokgatlho oo, Rre Vincent Tshosa a re maloko a mokgatlho a ne a lemoga fa go na le batho bangwe ba ba tlhokang mme ba sa kgone go bona dithuso ka puso e ka se kgone go thusa batho botlhe.

Rre Tshosa a re ba ne ba bona go tshwanela go re ba reke dikobo ba lebile fa mariga a mono ngwaga a tla a shenne meno.

O boletse fa ba kgonne go reka dikobo tseo tse di lopileng madi a kanang ka P2 500 ka madi a ba a kokoantseng kgwedi le kgwedi go tswa mo malokong.

O ne a tlhalosa fa ba tswa kgakala ba aba ka ba ne ba agela motlhoki mongwe mo motseng ntlo le go thusa mme mongwe go feleletsa ntlo ya gagwe le go mo rekela dijo.

Rre Tshosa o boletse fa ba na le dikanti tsa matlakala di le masome mabedi le borataro tse ba tlaa di abelang kokelwana ya kgotla ya Selolwane le dikole dingwe mo motseng.

Rre Tshosa gwetlhile banana ba motse oo go tshwaragana le puso go thusa ba ba tlhokileng lesego,a re gape go nna le seabe mo ditirong tsa setshaba go aga seriti sa motho.

Fa amogela banana bao, kgosi ya kgotlana ya Maenjani kwa kgotleng ya Selolwane, kgosi Otsile Ketshotseng o ne a lebogela banana bao go supa lerato.

Kgosi Ketshotseng a re maloko a mokgatlho oo, a lebanwe ke go iteelwa legofi ka tiro e ba e dirileng e le kgolo thata go rekela batho dikobo ka nako e e lebaneng ya mariga.

O boletse fa maloko a mokgatlho oo a ipetletse tsela e motlhala wa yone o bonwang le ke difofu tota, selo se se tlaa nnang mo dipelong tsa ba ba thusitsweng ka dinako tsotlhe.O ne a gwetlha banana ba bangwe go tsaya malebela mo bananeng ba setlhopha seo go thusa fa ba ka kgonang teng.

Mongwe le mongwe o abetswe kobo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Kabo dimpho

Date : 26 May 2022