Breaking News

Khansele e filwe madi go aga ditsela tsa motse

26 May 2022

Motse wa Moshaweng mo kgaolong potlana ya Letlhakeng o filwe madi a fetang P1 million go baakanya ditsela tsa mo motseng.

Se se builwe jalo ke modula setilo wa khansele potlana ya Letlhake Rre Meshack Tshenye fa a buisa phuthego ya kgotla ka Laboraro kwa Moshaweng.

A re madi otlhe a abetsweng khansele potlana go baakanya ditsela ke P6 million.

Ene erile go le pele, Kgosi Kegobonye Maruping wa Moshaweng o ne a ntsha ngongorego ka seemo sa  tsela ya Molepolole/Moshaweng, a  supa fa e le mo seemong se se maswe  se se ka nnang borai mo badirising ba yone.

Ka seo, o kopile gore tsela eo, e gopiwe e bo e katelwe mahuti.

Mo go tse dingwe Kgosi Maruping ne a supa fa ba bolawa ke serame ka jaana difetlhaphefo tsa ofisi ya kgotla di sule.

Kgosi a tlhalosa gape ka metsi aang dutla mo matlwaneng a boitiketso a kgotla, a a nang le seabe mo sekoloto sa metsi se se nnang se le kwa godimo.

Kgosi o tlhalositse fa dikgomo tsa matimela di sa phuthwe kwa motseng wa gagwe, a bo a kopa ba ba lebanyeng go tsibogela kgang eo.

Modulasetilo wa komiti ya Ditlhabololo tsa motse Rre Kagiso Bafitlhile o tlhalositse fa ba kgonne go fetsa ntlo le ofisi ya Boipelego.

Modulasetilo o ne a kopa gore ofisi ya Boipelego e tsenngwe ditshipi tse di kganelang magodu a supa fa dilo tse di mo teng di sa babalesega.

Modulasetilo o kopile gore go tsenngwe metsi le motlakase kwa matlong a mabedi a ba a agileng ka lenaneo la madi a dikgaolo, a tlhalosa fa go na le tlhaelo ya matlo a barutabana.

O ne a tlhalosa fa go na le dikgotla tse pedi mo motseng tse di senang metsi gotlhelele, a bo a kopa gore ba atamelediwe metsi.

Rre Bafitlhile o kopile gore dipalo tsa badiri ba Ipelegeng di okediwe, a supa fa ba thapa palo ya masome a marataro le bone fela, a bo a supa fa batho ba kgobakgoba kgwedi le kgwedi ba batla go thapiwa ka go sena ditiro.

Fa araba dingongorego Rre Tshenyego, yo gape eleng mokhanselera wa Serinane/Mantshwabise o ne a supa fa madi a ngwaga a tsile morago kwa khanseleng, selo se se bakileng gore dituelo ka bontsi di bo di saletse kwa morago.

Rre Tshenyego a re ba ikaelela go duela batho ba ba kolotiwang ka bofefo jo ba ka bo kgonang.

A re kgokgontsho e ntsi ka jaana go supagala fa boimana jwa bana ba dingwaga tse di kwa tlase bo le kwa godimo, a  kopa batsadi go begela mapodisi fa ba bona dilo tse di diragala.

Modulasetilo o ngongoregile ka boitsholo jwa bana ba dikole  tse dikgolwane, a tlholosa fa ba tlhapatsa barutabana le  ngwega kwa dikoleng.

O kopile batsadi go tsenya letsogo ka go kgalemela bana le go ba ruta tsela e e siameng, a supa fa se se ka betla bokamoso jwa bana.

Mogolwane go tswa kwa khanseleng potlana ya Letlhakeng Rre Elliot Sebikiri o ne a supa fa ba itse ka tlhaelo ya boroko jwa barutabana, ka jalo a kopa modulasetilo gore fa ba kopa ditiro tsa madi a dikgaolo, ba latlhele le matlo a boroko a di LA2.

Mogolwane o tlhalositse fa ba itse ka matlo a mabedi a a sa tsenngwang metsi le motlakase, a supa fa ba diilwe ke ba koporase ya metsi ya Thamaga le ba koporase ya motlakase.

O supile fa ba ikaelela gore ba bo ba feditse ditiro tse dikgologolo pele ga kgwedi ya Phukwi e wela monongwaga.

Mo ngongoreng ya banni mabapi le dituelo tsa Ipelegeng tse di diegang, tse di kgonang go tsaya  dibeke tse tharo ba ise ba  duelwe, mogolwane wa Ipelegeng Rre Godfrey Seleka, o ne a supa fa ba tsaya malatsi a supa go duela batho ba Ipelegeng, a bo a supa fa a tla a tlhotlhomisa gore tiego e bakilwe ke eng.

Rre Seleka o tlhalositse gape fa koketso ya dipalo tsa Ipelegeng e le mo thateng ya Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae,  a supa gore fa ba filwe thata eo ba ka di oketsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : MOSHAWENG

Event : phuthego ya kgotla

Date : 26 May 2022