Go nyelela ga batho go a tshwenya
26 May 2022
Banni ba Salajwe ba kopilwe go loma mapodisi tsebe fa ba na le dipelaelo kana bosupi mabapi le dikgang tsa batho ba ba nyelelang mo motseng.
Kopo eo, e dirilwe ke Kgosi Moala Gaerupe wa Salajwe a re o tshwenngwa ke dikgang tsa gore bangwe bagolwane ba motse le ene a le mo teng, ba nyeletsa batho ba ba ntseng ba timela mo motseng.
O buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Meshack Tshenyego bosheng.
Kgosi Gaerupe a re magatwe ao a supa fa a kile a gana gore ntlo nngwe e phuruphutshiwe fa motho a ne a timetse, mme a tlhalosa fa ba mmopela kgomo ya mmopa.
Kgosi Gaerupe o tlhalositse fa a ikaelela go sekisa batho ba ba mo senyang leina, mme a dirisa phuthego go ba tlhagisa pele ga a tsaa kgato.
Mothusa kgosi Rre Wetsho Gobusang, ene o ne a kopa morafe go phuthologa go bua dikgang tse, a supa fa ba ba beile mo ditilong, ba ba tshepha. Mokhanselara wa pele, Rre Boithatelo Mosotle, le ene fela jalo o ne a kopa morafe go loma mapodisi tsebe gore ba nne le kwa ba batlelang teng, a tlhalosa fa batho ba tshaba beng ba dikoloi kwa Salajwe, ka gotwe ke bone ba nyeletsang batho.
Kgosi Blackie Mosime le ene o ne a supa fa seemo se baa motse wa bone ka fa mosing, a supa fa ba tshosediwa gore go tla a tshubelwa matlo.
Mme Gabaoitse Ditlhogo o ne a supa fa ba sa itse se se nyeletsang batho mo motseng, mme gantsi go nyelela ba-na-le bolwetsi jwa tlhaloganyo.
Mme Ditlhogo o ne a tlhalosa fa ba seke ba bona bagogi ba motse fa ba mekamekane le dikgang tse.
Bangwe ba ne ba supa fa batho ba ba timelang kwa motseng oo ba bonwa morago ga lebaka e le marapo a masweu fela.
Ba supile gape fa motse wa bone o na le dipone tse batho ba ka reng fa ba timetse ba di sala morago go boela kwa motseng.
Rre Tshiamiso Dichaba ene o ne a supa fa le bogologolo batho ba ne ba timela, mme go ne ga sa supiwe ope ka monwana.
Mogolwane wa mapodisi a Takatokwane, Superintendent Lesego Godiramang, o boletse fa banni ba Salajwe ba tshelela mo letshogong.
Supt Godiramang o tlhalositse fa batho ba bofelo ba timetse ba bonywe nako e le nngwe fela. O ne gape a supa fa batho ba timela le mo metseng e mengwe, eseng fela kwa motseng wa Salajwe.
O tlhalositse fa batho ba ngongorega ka ntlha ya gore dipalo tsa batho ba ba timelang kwa motseng oo di le kwa godimo ga metse e mengwe.
O supile fa ka ngwaga wa 2021 go timetse batho ba le babedi le monongwaga go setse go timetse batho ba le babedi, a bo a kopa bao ba ba nang le dipelaelo go loma mapodisi tsebe.
Supt Godiramang o kopile morafe gore fa ba sa tshepe mapodisi ba lome bagolwane ba bone tsebe. A re go kile ga nna le dipelaelo tsa gore motho o epetswe golo gongwe, mme ba ya go epolola ba seka ba tswa ka sepe.
O tlhagisitse ba ba buang dikgang tse ba senang nnete ka tsone mo maranyaneng go emisa go dira jalo, ka jaana e le molato.
Fa a ntsha malebogo, Mokhanselara wa Salajwe, Rre Lopang Sebutlenyane o ne a supa fa go nyelela ga batho go itsa morafe go tlhokomela ditsabone ka phuthologo.
Mokhanselara a re seemo se gape se tshabisa batho go nna kwa motseng wa bone.
Le fa go ntse jalo, o ne a leboga batho ba Salajwe ka tirisano mmogo, a supa fa e re fa motho a timetse ba eme ka dinao go thusa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : SALAJWE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 26 May 2022