Tlhomang makgotla a a lebanyeng le kgokgontsho
26 May 2022
Go tlhongwa ga makgotla a a haphegileng go seka dikgang tsa kgokgontsho go ka thusa mo go rarabololeng dikgang ka bofefo.
Moemedi wa Botswana Council of Women, Mme Daisy Bathusi o boletse se mo phuthegong ya makgotla a a kgethegilng e e neng e buisiwa ke lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go sekaseka molao-motheo wa lefatshe la Botswana ko Letlhakane ka Laboraro.
Go nna teng ga makgotla a go nna jaana go ya ka Mme Bathusi, go ka tlhomamisa tshireletsego ya bomme le bana ba basetsana kgatlhanong le kgokgontsho e ileng magoletsa.
“A tshireletsego ya bomme le bana ba basetsana e nne boikarabelo jwa puso ka fa molaong,” a rialo.
Mo go tse dingwe, Mme Bathusi o ne a bolela fa ele keletso ya lekgotla la gagwe gore bana ba ba tsholwang ke basaid ba Batswana le batswakwa ba seka ba tingwa ditshwanelo ditshwana le tshwanelo ya go emela maemo a botautona.
Mme Bathusi a re molao-motheo o tshwanetse wa ela tlhoko gore thulaganyo ya go itsheka ga e turele bomme jaaka go ntse gompieno
E ntse ele mo go yone phuthego eo ya makoko a a ikemetseng, Mme Kabo Phampa wa YWCA o ne a kopa gore molao-motheo o sireletse basadi ba e a reng ba sena go nyalwa ba phuaganngwe ke banna baya go nyala gape.
“Re kopa gape gore molao o sireletse lenyalo la tlhakanelo dithoto le jaanong bangwe batho ba le dirisang go bapala mo go ba bangwe,” o ne bua jaana a supa fa manyalo a mofuta o a fela ka bofefo jo bo hakgamatsang.
Thulaganyo ya tlhalo fela jaaka ya lenyalo go ya ka Mme Phampa e tshwanetse ya akaretse batsadi ba banyalani eseng jaaka go diragala mo nakong eno e batho ba tlhalanang fela koo go sena therisano le ope.
Rre Otsile Mmatlakgomo was lekgotla la baruakgomo ba Kaka ene o ne a lela thata tlhwatlhwa e e kwa tlase ya kgomo e a reng ga e rekegelwe ke ope.
A re o gakgamadiwa segolo thata ke gore e re ntswa kgomo e le yone mokwatla wa itsholelo ya Motswana go tswa goo-lowe, e bo e santse e sa tsewe tsia mo lefatsheng leno.
Ka jalo, Rre Mmatlakgomo a re go botlhokwa gore molao-motheo o sireletse kgomo mo diemong tsotlhe gore e nne le boleng le dipoelo mo baruing.
O ne a re, “Dilo di tshwana le ditlhaeletsanyo kwa merakeng di botlhokwa fela thata gore di nne teng gore thuo e nne e e lolameng e bile e e ka busetsang baruakgomo”. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthegong ya makgotla a a kgethegileng
Date : 26 May 2022