Breaking News

A megopolo e tlhomelwe lekoko go e sekaseka

24 May 2022

Dikgakololo tse lekoko la tshekatsheko molao-motheo le tlaa di fang Tautona morago ga go phutha megopolo di tshwanetse tsa tlhomelwa lekoko go di sekaseka.

Monni wa Motshegaletau Rre Baipei Rabasaka o kopile jalo kwa phuthegong e lekoko la tshekatsheko molao-motheo le neng le e buisa kwa Moiyabana maabane.

Rre Rabasaka a re molao-motheo o tshwanetse wa fetolwa go iletsa tautona go tlhotlha dikgakololo tse tswang mo makokong a go tshwana le leo a le esi, a re boemong jwa seo go tlhongwe lekoko le lengwe le le tlaa tshwaraganelang tiro ya go keleka dikgakololo le ene.

Rre Kadimo Oremeng wa Thabala ene o ne a kopa gore tsetlana ya bo 47 (2) ya molao-motheo e fetolwe go letla tautona go tsaa dikgakololo mo mothong ope kana lekgotla lepe le le nang le dikitso tse di maleba tebang le go ka tsaa ditshwetso go ya ka dithata dipe tse a di filweng ke molao-motheo.

Rre Oremeng o kopile gape gore molao o rebole tautona go tlhopha khuduthamaga kwa ntle ga palamente. A re matona fa a tswa kwa ntle ga palamente a ka tsepama mo tirong ya one a sa etle a bofiwa matsogo ke go patapata boikarabelo jwa ditiro tse pedi. Monni yo mongwe wa Motshegaletau Rre Joseph Gaboswetswe o ne a gakolola gore molao o iletse bakwaledi ba maphata go ka nna baduladitilo ba makalana a tshwaraganetseng tiro le puso (parastatals).

A re seo se ka itsa go sekama fa go lebilwe ditshwetso, le go sa tsepama mo go tsamaiseng dilo sentle. Rre Gaboswetswe o ne mo ntlheng e sele a supa fa palo ya baemedi kwa Ntlong ya Dikgosi e tshwanetse ya lekanngwa le ya baemedi ba dikgaolo tsa bopalamente.

A re koketsego eo ya baemedi e tshwanetse ya patiwa ke go okelediwa ga baemedi bao dithata le dituelo go ba lekanya le mapalamente.

O boletse fa seo e tlaa bo e le go lemoga bokete jwa tiro e baemedi ba dikgaolo kwa Ntlong ya Dikgosi ba e rweleng. Rre Molefe Madikwe wa Moiyabana le ene o ne a tlatsa mogopolo wa gore tautona a seka a leba fela mo palamenteng fa a tlhopha matona.

A re tautona o tshwanetse go fiwa kgololesego ya go tsaa matona mo teng ga palamente le kwa ntle gore go nne le palo ntsi ya batho ba dikitso-kitso tse a ka tlhophang khuduthamaga mo go bone.

Rre Joshua Orakanye wa Mabuo le Mme Onkemetse Gaajewe wa Sehunou bone ba ne ba kopa gore kgaolo ya legare e kgaoganngwe gararo, ba supa fa e atlhame thata mme seo se ketefatsa go abiwa ga ditirelo.

E ne e rile pele a amogela baeng, Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana a rolela hutshe bakwadi ba molao-motheo o o mo tirisong mo nakong eno, a re go bo o tataisitse lefatshe leno go tla go tsena mo nakong eno ke sesupo sa gore o kwadilwe ke batho ba wetse maikutlo ebile ba na le kelelelo e kgolo.

“Go sekasekwa ga one ga go ree gore o feletswe ke boleng. Tshekatsheko e ke maiteko a go o tokafatsa e seng go o tlhobosa,” o ne a tlhalosa jalo. Go sale foo, Kgosi Kgomokgwana o supile fa a sa dumalane le mogopolo wa bangwe wa gore dikgosi di abe lefatshe, le gore tautona a itlhophelwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MOIYABANA

Event : Tshekatsheko ya molaomotheo

Date : 24 May 2022