Breaking News

Koporase ya Emang SACCOS e tokafatsa matshelo

24 May 2022

Koporase ya polokelo madi le kadimiso ya Emang Savings and Credit Cooperative Society (SACCOS) o butswe semmuso bosheng go akaretsa badumedi ba ba ikopantseng go boloka le go godisa madi.

E rile fa mokgatlho o bulwa semmuso, mogolwane mo nngweng ya dikereke tsa pholoso ya Faith Mission, Rre Andrew Tladi a bolela fa go bulwa semmuso ga Emang SACCOS e le kgatelo pele e kgolo mo badumeding gore le bone ba tsee karolo mo itsholelong, gammoso le go tokafatsa matshelo a bone.

A re ke maiteko a mantle gore ba kgathalale go tokafatsa matshelo a bone, bogolo segolo morago ga seru se se wetseng lefatshe sa COVID 19, se se supileng fa dikgwetlho tsa botshelo di tlhoka maano a tshwana le go tlhama koporase.

O ba gakolotse go sala morago melawana ya madi, a gatelela botlhokwa jwa gore ba seka ba senya leina la Modimo, kgotsa la bodumedi jwa bone. A re leina le koporase e, e tlhamilweng ka lone la Emang le tshwanetse go tswelela e le sekgantshwane mo mererong ya madi gore koporase e gole.

Moetedipele wa khansele ya Kgatleng Rre Daniel Molokwe o gakolotse ka botlhokwaa jwa go direla dilo mo pontsheng. A re go tshwanetse ga nna go bolelelwa maloko gore koporase ya bone e tsweletse jang, k jalo a ba gakolola go sala morage melawana ya tsa madi a morafe, le go tlhopha baeteledipele b aba tla tsamaisang merero ya koporase ka matsetseleko.

Mogolwne wa tsa dikoporase mo Kgatleng, Rre Boikaego Masonya o rotloeditse maloko gosala morago melawana le tsamaiso ya dikoporase.

O ne a ba abela dibuka tse di nang le tsamaiso ya dikoporase, a ba gakolola fa go nna teng semmuso ga Emang SACCOS go ba leta go sekisa le go sekisiwa fa dilo di tsamaa ka tshokamo. Moeteledipele wa khuduthamaga ya koporase ya Emang, Rre Calico Raborophi o boletse fa keletso y go nna le koporase e tswa kgakala, mme e simolotswe ke banana ba diphuthelo ya Pentacostal, mme ba godisa mogopolo go fitlhelela ba ikopanya go o tlhama.

A re maikaelelo ke go tlhabolola matshelo a bakeresete ka go godisa koporase gore e felele le yone e tsene mo go tsa dipeeletso le gore maloko ba letlelelwa go ipolokela madi le go adima madi.

O solofeditse fa komiti e e tla etelelang pele e tla netefatsa gore e dira dilo semolao, le mo pontsheng. Bokhutlo

 

 

 

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : RASESA

Event : Pulo semmuso

Date : 24 May 2022