Mapodisi a tshwere babelaelwa ka digwapa
24 May 2022
Mapodisi a Tshane a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone ba tshwereng banna ba le barataro go tswa kwa motseng wa Zutshwa le Hunhukwe, morago ga go fitlhelwa ka dikgetsi di le boferabobedi tsa digwapa tse go belaesegang e le tsa phologolo ya naga.
Mo puisanong le mothusa mookamela mapodisi a Tshane, Assistant Superintendent Osimilwe Mangena, borre bao, ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le bosupa go ya kwa go tse di masome a mane le bongwe, ba tshwerwe mo tseleng ya Hukuntsi le Zutshwa, ke ba sepodisi, sesole le ba twantsho bogodu jwa diphologolo morago ga go longwa tsebe.
Assistant Supt Mangena o tlhalosiste fa ba itemogela kgolo ya go tsoma mo go seng ka fa molaong fa go tla nako ya mariga ka jaana nama ya teng e sa tshabelelwe ke go senyega. A re gape ba itemogetse go tsoma mo go seng ka fa molaong go gola ka monokela mo kgalong ya Zutshwa.
O ne a tlhalosa fa borre bao, ba santse ba tshegeditswe ke sepodisi ka jaana ba santse ba le mo patlong ya borre ba bangwe ba bararo.
A re mo ditlhotlhomisong tsa bone, ba itemogetse gore diphologolo tse di leng mo diphatseng ke kukama.
Le fa go le jalo, o supile fa digwapa tseo, di tla isiwa kwa matlhatlhobelong go ya go tlhatlhobiwa gore a ke nama ya phologolo kana jang.
Babelaelwa ba tla isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mme fa ba ka bonwa molato, ba ka lebanwa ke katlholo ya go lefa madi a a kanang ka P5 000 kana go tsena kgolegelo ya dingwaga tse tlhano.
Assistant Supt Mangena o rotloeditse banni ba Zutshwa le mafelo a a mo tikologong ya lefelo la diphologolo go emisa mokgwa wa go tsoma mo go seng ka fa molaong.
A re go dira jalo, go ka nyeletsa losika lwa diphologolo tseo, mme se se beye mhama wa tsa bojanala ka fa mosing, mme phelelong go phutlhamise itsholelo ya lefatshe.
O ne gape a ba rotloetsa go tsenya dikopo tsa diteseletso tsa go tsoma kwa go ba lephata la diphologo le makgabisa naga, mme a ba gakolola go obamela ditsetlana tsa letsomo go na le go ipagololela mogodu. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : TSHANE
Event : Puisanyo
Date : 24 May 2022