Breaking News

Dietsele di rotloetsa phadisanyo ya baithuti

24 May 2022

Batsadi ba motse wa Mokoswana gautshwane le Mahalapye ba rotloeditswe go tshwaragana le barutabana go tlokafatsa maduo a bana ko sekoleng.

Se se tlhalositswe ke modulasetilo wa mokgatlho wa Mokoswana Explosives, Rre Moreki Koko kwa moletlong wa kabo ya dietsele o neng e tshwaretswe mo sekoleng se se botlana sa Mokoswana ka Mosupologo.

Dietsele tse, tse di akaretsang, dikgele di le lesome, di beche di le lesome di patilwe ke thai e le nngwe, di ne di abiwa ke mokgatlho wa Mokoswana Explosives o o tlhamilweng ka ngwaga wa 2021 ke bana ba motse ka maikaelelo a go thusa matshwenyego a a aparetseng motse wa bone.

Modulasetilo wa mokgatlho Rre Koko a re ba simolotse ka go thusa bana ba sekole ka ele bone ba ka tsogang ba tsosa motse wa bone. A re ba tshwentswe ke maduo a bana ba bone ba lekwalo la bosupa a a neng a le kwa tlase thata mo ngwageng o o fitileng.

O tlhalositse fa ba simolotse ka go abela baithuti ba lokwalo lwa bosupa ka ba le gaufi le ditlhatlhobo tsa bone tsa bofelo. O boletse fa maikaelelo a dietsele tse e le go rotloetsa phadisano gareng ga baithuti mme a kaya fa se, se ka thusa go tlokafatsa maduo a bone.

Rre Koko o ne a kopa baithuti gore ba nne le lenyora la go ithuta ka thuto e le boswa jo bo ka se tseweng ke ope bo go bone. A ba rotloetsa gape go nna le boitsholo jo bo siameng go simolola fela kwa lwapeng, a re ba gwetlhege go nna le keletso ya go nna botoka mo botshelong. O ne a kgala kgang ya nnotagi mo baneng, a supa fa e le nngwe ya dilo tse di senyetsang bana sekolo mme a kopa batsadi gore ba haphe bana mo go ba romeng dilo tse.

Fa a tswa la gagwe, moemedi wa lephata la thuto, Mme Masalela Modimowagae o ne a leboga mokgatlho wa Mokoswana Explosives, a re ba dira tiro e ntle fela thata. A re fa metse yotlhe e ne e ka nna le mekgatlho ya go tshwana le o, o o kgatlhalelang matshelo a batho le baithuti, barutabana ba ne ba ka tlhofofalelwa ke tiro ba itse fa ba nale bathusi.

O rotloeditse mokgatlho gore o dire le go feta, ba aname ba rekisetse le metse e e mabapi mogopolo o gore lefatshe lotlhe le tokafale. Banni ba motse ba kopilwe gore ba rotloetse mokgatlho gore o kgone go dira ka natla. Baithuti bone ba rotloeditswe go bereka ka thata, ba tsene sekolo ka tlhwaafalo gore ba nne le isago e ntle. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : MOKOSWANA

Event : kabo dietsele

Date : 24 May 2022