Breaking News

Kingdom Embassy Ministry e ipelela matsalo

24 May 2022

Ba kereke ya kingdom Embassy Ministry ya Palapye  ba ipeletse matsalo a mogolwane wa kereke jaaka a ne a digela dingwaga tse di masome mane.

Dibui ko moletlong oo, o  o neng o tshwerwe kwa Palapye ka matlhatso di kaile Apostle David Grace ele morongwa wa modimo tota ka  ditiro  tse di molemo tse a didirang e le tsone di mmuelelang.

Mopalamente wa pele wa Palapye Rre Master Goya o tlhalositse fa Apostle Grace a fetotse matshelo a batho ba le bantsi mo lefatsheng. A re o berekang  ka natla gape a na le pelo ya go thusa bao baba tlhokileng lesego mo setshabeng.

A re maemo a Apostle Grace a leng mo go one a go etelela tshaba ya Modimo ga a motlhofo ka gore batho ba solofela gole gontsi mo go ene. A re le fa gontse jalo Apostle Grace o kgonne go fenya mathata a a kopaneng nao ka gore ke monna wa modimo yo o nonofileng.

Rre Goya a re go bua ka Rre Grace, motho o ka tsaya letsatsi lotlhe ka tse a di dirang mo lefatsheng ele tse dikgolo. A re batsadi ba gagwe ba ne ba molebile ele ngwana wa bone a tsena sekole ba solofetse gore fa fetsa o tla bereka tiro e e rileng mme a fetola botshelo jwa bone le fa go ntse jalo mananeo a Modimo a farologana le ditsholofelo tsa bone.

A re Apostle Grace o kgonne go tsaya kereke ko tlase go e baya mo seemong se e mogo sone gompieno le ntswa a ne a raletse dikgwetlho.

O mo kaile ele motho yo berekang ka thata mo  semoweng  le senama gape ele mokwadi wa dibuka

Mongwe wa dialogane tsa gagwe Apostle Oarabile Tladi o supile fa Rre Grace e le motho wa tumelo e bile a mo godisitse mo tumelong, a tlhalosa  fa a ithutile go le go ntsi ka tumelo mo go ene ka jalo a santse a tsweletse go ithuta.

Apostole Tladi a re  ba simolotse ba sena sepe mme ba dumela gore ba tla a goroga ko ba batlang teng ka Apostle Grace a ne a dumela gore mo Modimong sengwe le sengwe se a kgonega.

Fa a tswa la gagwe mosadi wa ga Apostle, Mme Esther Grace a re Rre Grace ke motho yo o lorato yo o ratang go thusa batho. Mme Grace a re ke monna wa tumelo yo o dumelang gore fa a batla selo o tla se bona e bile ke motho yo ratang batho .

Apostolo Grace o lebogetse modimo ka botshelo ka gore go bo a le se a leng sone ke ka lebaka la Modimo. O ne a leboga botlhe baba saleng ba mo eme nokeng fa simolola kereke go fitlhela gompieno. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PALAPYE

Event : moletlong wa go ipelela Matsalo

Date : 24 May 2022