Breaking News

Methale ya go atlhola badira melato e mmalwa - Sekai

23 May 2022

Dikgosi di dumela fa gona le methale e le mmalwa e ka dirisiwang go aga badira  melato go na le kgolegelo.

Kgosi Bana Sekai wa Bakgatla o ntshitse kgakololo eo ka Labotlhano a supa gore mo nakong eno Dikgosi kwa makgotleng a ditsheko a Setswana di dirisa molao o kwadileng wa sekgowa o na le ditsetlana tse di ba kaelang go ntsha katholo. “Re tshereganya batho re dirisa melao e beilweng e re letla gore re romele ba ba bonyweng molato wa kgolegelo,” ga tlhalosa Kgosi Linchwe.

Kgosi Sekai o ne a bua kwa thuto seka dipuisanyong ya tshekatsheko ya molao ya malatsi a mabedi e rulagantswe ke makalana a molao a University ya Botswana le ya Cambridge ba tswaraganye le lekalana la baatlhodi ba bomme mo Botswana le lephata la tiragatso molao.

O tsweletse a supa fa gole botlhokwa go sekaseka le go diragatsa dikatlholo tse di itsang gore badira melato ba romelwe kwa kgolegelong.

A re ke boammaruri gore mo nakong eno dikgolegelo di mosuke ka jalo badira molato ba ba atlholetsweng kgolegelo ga ba kgone go bona thuso e e lekanyeng gore ba kgone go tsalwa sesha, ba latlhe botlhoka tsebe.

“Re le magosi, re na le ditsela tse re dumelang di ka nna mosola go aga motho go na le go mo isa kgolegelong. Go na le kgang ya go kgwathisa. A re seka ra e kgala thata ka gore le bone ba mafatshe a mangwe ba ba sa dumalaneng le yone ba bona e kete ke kgokgontsho.

 Boammaruri ke gore go kgwathisa go dirwa ka kelelelo ka maikaelelo a go latlhisa motho mekgwa e e kgopo, e seng go mo gobatsa,” ga bua Kgosi Sekai.

Kgosi Sekai a re tumelo ya gagwe le tsamaiso ya bogosi ke gore modira molato o tshwanetse a gakololwa pele, a sidilwa maikutlo go balelwa le mongongoregi, fa go retetse ke gone go ka tsenwang mo thulaganyong ya go dirisa molao o kwadilweng o ka felelang o isa modira molato kgolegelong.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Sekai o gateletse botlhokwa jwa gore baatlhodi ba lebelele pele dikatlholo tse e seng kgolegelo ka di le botlhokwa thata mo go ageng motho, a tlatsa ka gore kgolegelo e tshwanetse ya dirisiwa fa go padile.

A re mo malobeng makgotla a setswana a ne a na le tsamaiso ya go atlhola motho ka go mo laela go direla setshaba.

 Le fa e ne e sa ratiwe ke ba le bantsi, Kgosi Sekai a re thulaganyo eo emisitswe, selo se se dirang gore le ba ba bonwang melato e seng ya sepe ba felele ba romelwa kgolegelong, bangwe ba bone ba alafiwe ka moretlwa le fa gotwe ga oa siama.

Kgosi Sekai a re fa e le gore puso e ka tswelela ka go dumalana le megopolo e ka itsang magosi go sokolola batho ka go letsa moretlwa, kopo ya gagwe ke gore puso le yone e akanye go boela morago katlholelo loso.

“Ke dumela gore go kaletsa motho ga se tsela e ka gakololang modira molato go fetoga,” ga tlhalosa Kgosi Sekai.

O tsweletse a gakolola baatlhodi gore mo tirong ya bone ya go letlanya, go agisanya le go tshereganya, ba ele tlhoko gore ba seka ba tsaya ditshwetso ka maikutlo, ka go dira jalo go ka ba diga kelelelo.

A re ba gakologelwe go re ba kopana le diemo tse di farologanyeng ka jalo kgang nngwe le nngwe e tshwanetse ya seka sekwa ka mabaka a yone.

Le fa go ntse jalo, moatlhodi wa kgotla kgolo ya ditsheko Rre Lot Moroka are go boammaruri gore le fa dikgosi ba filwe thata ya go sekisa le go atlhola ba dirisa molao o ba sa o rutelwang. Rre Moroka a re le fa go na le tsamaiso ya Setswana ya go rarabolola dikgotlhang mathata ke gore ga e a kwala, ka jalo molao o kwadilweng o dira gore ba ntshe dikatlholo tse di romelang badira molato kwa kgolegelong.

O tsweletse a supa gore pele ga ngwaga wa 1939, makgotla a setswana ka tsamaiso ya dikgosi a ne a tsweletse a diragatsa molao ka go sekisa ba ba tswang mo tseleng mme go sena dikgolegelo. Ka jalo are go botlhokwa gore ba gakologelwe metlhale ya nako eo e ba neng ba e dirisa go tshereganya batho go na le go ba isa kgolegelong.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : Gaborone

Event : Thuto-seka-dipuisano

Date : 23 May 2022