Bonno konokono mo go ntsheng maduo mo tirong
23 May 2022
Babereki ba ba nang le bonno jo bo siameng ba ntsha maduo a a eletsegang mo tirong.
Mookamela lephata la dikgolegelo Mme Dinah Marathe o buile mafoko a, fa a amogela semmuso matlo a ba lephata la dikgoleglo la Tsabong le a agetsweng ke koporasi ya matlo ya Botswana Housing Cooperation (BHC).
Mme Marathe o ne a tlhalosa fa tshwaragano le tirisanyo mmogo ya bone le BHC e tswa kgakala go ba thusa ka bonno jwa badiri ba bone go ralala lefatshe, a tlhalosa fa se, se tokofatsa seemo sa letlhoko la boroko jaaka ba tsweletse ka go thapa badiri ba basha mme ba tshwanelwa ke go itepatepanya le seemo seo.
O ne a supa fa maitlamo a lephata la dikgolegelo e le go tokofatsa seemo sa letlhoko la boroko mo babereking jaaka e le se a se tlhomileng ko pele mo ditogamanong tsa gagwe, a tlatsa gape gore se ke maikaelelo a puso gore badiri botlhe ba tshwanelwa ke go nna le bonno jo bo siamemg ka seo se ka thusa go ba tiisa moko, go ntsha maduo a a nametsang mo ditirong tsa bone.
Mookamela lephata la dikgolegelo o boletse fa ditlhabololo di tshwana le tse di na le seabe mo go tsholetseng seriti sa badiri ka ba tlaa bereka ba na le kagiso mo ditlhaloganyong tsa bone.
O ne a a tswelela ka go tlhalosa fa e ne ya re ka ngwaga wa madi wa 2021/2022 ba ne ba dumalana le BHC go ba thusa ka matlo a boroko a badiri a le lesome mo Tsabong ka ba tswa kgakala ba lela ka letlhoko la boroko mme matlo ao a lopile madi aa kanang ka didikadike tse thatataro tsa dipula P5.9million
Mme Marathe o ne a kgothatsa badiri go tswelela ka mowa o montle wa go bopaganya setshaba le gone go isa ditirelo tsa tlhwatlhwa mo setshabeng a ba a ba kopa go tlhokomela thata matlo a ba a neetsweng go netefatsa gore a phepa ka nako tsotlhe.
O ne a kgothatsa baeteledipele ba motse wa Tsabong go tshwaragana le ba lephata la dikgolegelo mo lenaneong la kago sesha la magolegwa a pele gore le bone ba gololesege go tshela le setshaba.
A re katlego ya lenaneo le, e ka fokotsa dikgang tsa borukutlhi, kgethololo, mme ba tsosolose tsa itsholelo mme seo se thuse gore ba tshele ba phuthologile mo setshabeng.
Motshwarelela moeteledipele go tswa BHC Mme Pascaline Sefawe o ne a supa fa tirisanyo mmogo ya bone le ba lephata la dikgolegelo e tswa kgakala ka jaana ba setse ba agile matlo a boroko a badiri mo metseng e akaretsa Bainesdrift, Mahalapye, Maun, Letlhakane, Francistown, le Gaborone.
Mme Sefawe o ne a supa fa maitlamo le maikaelelo a BHC e le go thusa puso ka matlo le dikago tse dingwe tse di tlhokiwang ke puso le bonno jwa batho ba ba kgonang go ithekela a supa fa ba tswa kgakala ba thusa sepodisi le ba sesole ka bonno.
O boletse fa BHC e agile matlo a le lesome le boferabongwe mo Tsabong a dikamore tse pedi a mo go one a le lesome e le ba dikgolegelo mme a lopile madi aa kanang ka P5.4 million mme konteraka ee neng e dira tiro eo e kgonne go thapa Batswana ba le masome a mabedi le bosupa ba mo go bone bontsi e neng e le banana.
A re dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopaneng le tsone mo kagong ya matlo ao di akaretsa letlhoko la didirisiwa mo kgaolong le letlhoko la badiri ba ba rutetsweng tiro le tse dingwe. Mme e re le fa go ntse jalo a leboga gore ba kgonne go fetsa matlo ao, a supa fa ba tlaa tswelela ba bereka le go dirisanya le ba lephata la dikgolegelo le mo nakong ee tlang.
Fa a leboga mothusa mookamela lephata la dikgolegelo a lebagane le tsa boderedi, Mme Keneilwe Mokwenaotsile o ne a supa fa matlo a a neetsweng badiri ba Tsabong a tla thusa mo tharabololong ya letlhoko la boroko le le tswang kgakala le ba tshwenya.
O ne a kgothatsa badiri bao go tlhokomela matlo a ba a neetsweng le gone go lema merogo mo dijarateng go itshetsa.
Mme Mokwenaotsile o ne a supa fa mo dikgolegelong ba ruta magolegwa tiro tsa diatla ka tsholofelo le maikaelelo a gore mo isagong ba tlaa kgona go itshetsa le go tokofatsa matshelo a bone morago ga ba tswa mo kgolegelelong mme a leboga ba BHC le botlhe ba ba nnileng le seabe gore tiro eo e kgonagale.
Go le pele fa amogela baeng mo motseng, mothusa Kgosi Richard Toto o ne a leboga ba BHC go fitlhelela le mo metseng ya selegae a supa fa e le ditlhabololo tse ba di amogelang ka tsoo-pedi e le boeteledipele, a tlatsa ka go supa fa matlo ao a tlaa fetola tebego ya motse oo le gone go fokotsa selelo sa letlhoko la boroko la badirelapuso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : kamogelo ya matlo
Date : 23 May 2022