Breaking News

Ba Maape ba ipelela naletsana Kose

23 May 2022

Barutabana le batsadi ba motse wa Maape mo kgaolong ya Tswapong Bokone, ba sa tswa go ipelela go tsabakela mo maduong a lokwalo lwa botlhano (BGCSE) a 2021, a ga Rre Katlo Kose.

Fa bua ko moletlong oo neng o tshwerwe ka Matlhatso ko motseng oo, Rre Phodiso Baitseng o supile fa ngwana yo a tsholeditse serodumo sa  Maape ka a ne a ipelelwa lefatshe lotlhe gammogo le Lephata la Thuto.

Rre Baitseng a re ke ka moo ba gwetlhegileng gore le bone e le batsadi ba Maape, ba ipelele Rre Kose yo tsabaketseng jaaka naledi ka maduo a 48 points, 6A*3As go tswa kwa sekoleng se se segolwane sa Madiba.

A re se ke go tiisa mooko Rre Kose le balekane ba gagwe ba babedi ba le bone baneng ba mo loma serota, e bong Thebe Ngongorego ka 44 points le Rre Tshiamo Lekadiba ene a bone 43 points .

A re moletlo o, o e leng lantlha o tshwarwa, o tla thusa go neela bana bogakolodi le maele jaaka ba tlaa bo baya ko dikolong tse dikgolwane.

Rre Baitseng o ne a ba rotloetsa gore se ba se simolotseng ba se tsweledise ka gore go solofetswe gole gontsi mo go bone. O ne a ba gakolola gore ba tlhomame mo dithutong tsa bone, mme ba seka ba inaakanya le dilo tse dika ba ntshang mo tseleng.

Rre Baitseng o ba gakolotse gore ko bayang dikolong teng, gona le dilo tse dintle tse dintsi, mme di le kotsi mo matshelong a bone, a kopa gore ba ikgaphe mo go tsone, jaaka bojalwa, ditagi, go tsena mo maratong le botlhoka tsebe.

Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekolo se sebotlana sa maape, Mme Dimpho Motshabi a tlhalosa fa ale motlotlo thata ka jaana bana ba ele ba ba neng ba dira lokwalo lwa ntlha fa a goroga kwa sekolong seo.

Mme Motshabi a re nako tsotlhe o latedisa maduo a bana kwa dikolong tse dikgolwane, go bona gore a ba tsweletse ka go dira sentle.

A re erile go bona bana ba dirile sentle, a gwetlhega mme a lekodisa barutabana, PTA le bogogi jwa motse gore o eletsa gore ba ipelele bana ba.

O ne a leboga batsadi ba bana, a re ba ba godisitse sentle ka fa tlase ga molao, ba na le seabe se segolo mo thutong ya bana ba bone.

Mme Motshabi o ne a rotloetsa bana gore ba ye go tswelela ba itshwere sentle gore ba fitlhelele tse dintle tse ba di batlang mo botshelong.

Fa a tswa la gagwe, naletsana Kose a re thuto ke pitsa ya maoto a mararo ebong motsadi, ngwana le morutabana.

A tlhalosa gore motsadi ke ene pinagare.

Rre Kose o ne a re o leboga nkukuagwe go menagane, ka go mo godisetsa mo tumelong, e a reng e fenya lefatshe. A tlhalosa gore tumelo ke yone e ba kgontshitseng. O ne a lebogela barutabana ka dikgakololo tsa bone.

Fa a ntsha la gagwe la kgothatso, mokhanselara wa kgaolo ya Pilikwe/Maape, Rre Kebadirile Ngongorego o rotloeditse bana go ikanya tumelo ka gore e ka ba faposa dikotsi le dikgwetlho tsa lefatshe.

Rre Ngongorego o ne a ba gakolola gore ba dirise thotloetseo le dikgakololo tse ba difilweng ke batsadi le barutabana gore ba kgone go tsweledisa go tsabakela ga bone mo thutong go ya pele.

O ne a akgola barutabana ba sekolo se se botlana sa Maape, a re ba tsweletse ka go dira ka natla mo tirong ya bone le ntswa ba na le dikgwetlho.

Rre Ngongorego a re barutabana ba sekolo se ba tlhoka go lemogiwa ka mo go faphegileng, gammogo le komiti ya PTA.

Rre Kose o abetswe mpho ya Laptop ee tswang ko Khamphaning ya Botswana Insurance Fund Management (BIFM). Dingwe dimpho tse a di abetsweng ke setshaba di akaretsa setlankana le madi a kanang ka P450 le kobo mongwe le mongwe wa bone. BOkhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MAAPE

Event : Moletlo

Date : 23 May 2022