Breaking News

UCCSA e abela baithuti

22 May 2022

 Kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) kwa Mabeleapodi e abetse baithuti ba dikole ka go farologana dipara tsa ditlhako le tsa dikausu di le makgolo a mabedi.

Kereke eo e abetse baithuti ba dikole tse dipotlana tsa Mabeleapodi, Tshimoyapula, Mmashoro, Paje, se segolwane sa Patikwane le baithuti ba sekole sa sontaga ba UCCSA .

Fa a rola dimpho ka Labotlhano kwa Mabeleapodi, mmitsi wa thomo kereke mo kgaolong ya Lesoso UCCSA, Mme Yamedupe Sebusang a re UCCSA ke kereke e e ikaegileng ka thomo mme go abela baithuti ke tiro e ba e romilweng ke Modimo.

A re Mokeresete o bonwa ka ditiro ebile go ka nna thona gore e le ba UCCSA, ba bo ba ipitsa bakeresete mme ba palelwa ke go rata ba ba tshelang le bone, bogolo jang ba ba tlhokang kana ba tlhaelelwa. A re fa motho a rata Modimo, o tshwanetse a rate le ba a tshelang le bone.

Mme Sebusang a re go aba ke selo se se molemo ebile go tsisa boitekanelo jwa mmele le jwa mowa le maikutlo mo go yo o abelwang.

O supile fa a na le tsholofelo ya gore e tlaare morago ga go abelwa ditlhako, go tlaa nna le tomagano magareng ga kereke le dikole tse di abetsweng.

A re fa e sale tiro ya go aba ditlhako e simolola ka 2019, ba abetse batlhoki kwa Lerala, Mahalapye le Kalamare. A re UCCSA e tsamaya e gasa efangedi ka tiro ya go aba.

Moruti kwa kerekeng ya Mabeleapodi UCCSA, Mme Julia Botlhasitse o supile fa thulaganyo ya go aba ditlhako tsa sekole e bidiwa mission project mme e simologile ba le kwa bokopanong jwa ngwaga le ngwaga e le ba kgaolo ya Lesoso. 

A re mo bokopanong joo, ba aba sengwe kwa motseng o ba kopanetseng kwa go one.

Mme Botlhasitse re se ba abo ba se dira go supa fa tiro ya bone e se go rapela fela mme ba tshwenyega ka bangwe ka bone.

A re UCCSA e a aba ebile e a tlhokomela, e ela tlhoko gore batho ga ba lekane jaaka ba dirilwe ke Modimo ba ntse jalo.

O supile fa a na le tumelo e e tletseng ya gore jaaka ba abetse baithuti ka dipelo tsa bone tsotlhe, Modimo o tlaa ba okeletsa go feta, a bo a ba segofatsa ka ba ba tlaa tlang go obama le bone kwa UCCSA.

Moruti Botlhasitse o ne gape a supa fa ditlhako tseo e tlaa nna tshegofatso mo go ba ba di abelwang.

Mmitsi wa thomo wa Mabeleapodi UCCSA, Mme Ruth Kadisa o lebogetse thulaganyo ya kgaolo ya Lesoso UCCSA ya go aba ditlhako a bolela fa e le maleba. A re thulaganyo e e tshwanetse e tswelele ka e dira pharologanyo mo setshabeng. Ends

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : MABELEAPODI

Event : Kabo dimpho

Date : 22 May 2022