Breaking News

Maduo a McConnell a wela tlase

22 May 2022

Go wela tlase ga maduo a sekole se segolwane sa Tutume McConnell College ngwaga le ngwaga ga go jese di welang.

Mafoko a, a builwe ke mothusa mogokgo wa sekole seo Rre Innocent Ngele kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke baithuti ba pele ba sekole seo ba ngwaga wa 1989 kwa Tutume bosheng.

Rre Ngele a re ba itemogela go wela tlase ga maduo ngwaga le ngwaga, a tlhalosa fa e bile ngwaga o o  fetileng ene e le matlhotlhapelo fela thata ka bane ba le mo maemong a masome mabedi le bosupa mo dikoleng tse dikgolwane mo lefatsheng.

A re maduo ao a ba amile fela thata, a tlhalosa fa sekole sa McConnell e ne e le sengwe sa dikole tse di neng di meletswa mathe ke batho, mme jaanong seo se fetogile ditoro ka maduo a sone a wela tlase ngwaga le ngwaga.

Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa fa sekole seo se le lesego ka batho ba kgaolo ba amogetse mogopolo wa thuto wa go thusa dikole, o ba o tshegeditseng fela thata gammogo le baithuti ba pele ba sekole seo ba ba nnang ba ba tswa thuso go leka go tokafatsa maduo.

Baithuti bao ba ngwaga wa 1989 ba ne a ba abela baithuti ba ba neng ba pasitse ka dintlha dile masome a mane le boferabobedi ba ngwaga o feting dimpho.

Rre Ngele o ne a lebogela dimpho tseo a tlhalosa fa di tlaa thusa go kgothatsa baithuti ba ba lebileng go kwala go tia moko le go bereka ka thata go fenya ditlhatlhobo tsa bone. A re kgwetlho e nngwe gape e e sa ba jeseng diwelang ele ba sekole seo, ele baithuti ba basetsana ba ba tlogelang sekole ka lebaka la boimana, a tlhalosa fa go setse go dule baithuti ba le batlhono ntateng ya boimana. Rre Ngele o ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe le kemo nokeng ya go leka go tsholetsa serodumo sa sekole, a re seo se supa fa batho ba tshwenyegile ka kgwelo tlase ya maduo a sekole seo.

O ne a a tshepisa fa ba tlaa leka ka bojotlhe go busetsa seemo mo taolong go lwela go re maduo a nametsege jaaka e ne e le tlwaelo

Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya baithuti ba Tutume McConnell College ba ’89, Rre Phuthego Setete a re ka go lemoga botlhokwa jwa thuto ba bo ne go tshwanela go leboga baithuti   ba ba dirileng sentle mo ditlhatlhobong tsa bone ka go ba atswa. Rre Setete a re baithuti ba malatsi ano ba lesego ka bone go na le bangwe ba ba itlhopelang go ba kgothatsa, go ba kaela le go ba tsibosa ka dikgwetlho tsa botshelo.

Fa a itebaganya le baithuti ba sekole seo ba lekwalo la botlhano, o ne a ba kopa go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo gore ba kgone go tsweledisa mosepele wa bone wa thuto, a tlatsa fa thuto ele  boswa jo bo sa amoganweng.

O ne a ba kgothatsa go nna baithuti ba ba nang le tebelopele,ba ba nyoretsweng go bona go nna le phetogo mo bokamosong jwa bone.

A re gape ba tshwanetse go nna le thulaganyo ya lenaneo la bone gore ba ya go dira tiro ya bone jang le maikaelelo a bone mme ka seo ba ka kgona go lemoga makoa a bone motlhofo mme ba ikgate motlhala ba baakanye diphoso tsa bone. Rre Setete o kopile baithuti go go ikgapha mo ditirong tse di tlaa ba itayang tsebe ka jalo ba tlhwaafalele dithuto tsa bone,a re seo se supilwe le mo baebeleng gore mongwe le mongwe o tlaa roba se a se jadileng.

Fa a itebaganya le barutabana, Rre Setete o ne a ba gakololwa gore ba nne pelotelele mo baneng,  a re ga gona ngwana ope yo gotweng o a palelwa, ngwana o tshwanetse go nenekediwa gore a kgone go nna le seabe ka seo o ka kgona go itshupa bokgoni jwa gagwe.

Mo baithuting ba le batlhano ba sekole seo ba ba dikileng ba fentse ditlhatlhobo ba le babedi ba abetswe di laptop, ba le bararo P1000 mongwe le mongwe wa bone. Baithuti bao ke Oagile Ndina, Samantha Moyo, Odirile Chilume, Unasimba Funi fa Joel Phakela mpho ya gagwe ene a e abetswe ke ba H2O infinite. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Moletlo

Date : 22 May 2022