Botlhoka tsebe jwa bana bo a tshwenya
22 May 2022
Botlhoka tsebe jo bo dirwang ke bangwe bana ba dikole tse dikgolwanae kwa Selebi Phikwe bo tshwentse thata botsadi le boeteledipele jwa toropo.
Se se builwe ke mopalamente wa Selebi Phikwe botlhaba, Rre Kgoberego Nkawana fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Botshabelo ka Labotlhano, e maikaelelo a yone e neng e le go lekodisana le morafe ka tsa kgaolo.
Rre Nkawana o supile fa mo bokopanong jo a bo tshwereng a na le dikomiti tsa kgaolong bosheng, dikgang tse di neng di tlhaga e ne e le boitshwaro jwa bana kwa dikoleng mme a supa fa se se tshwanetse go emelwa ka dinao pele seemo se tswa mo taolong.
A re botlhoka tsebe bo godile thata morago ga gore bana ba kgaoganngwe ka dithophana mme se se ba neela nako e ntsi go inaakanya le botlhoka tsebe mme a kopa batsadi go itse metsamao ya bana ba bone ka nako tsotlhe.
Rre Nkawana o supile fa barutabana ba setse ba tshelela mo letshogong ntateng ya bana ba dikole, bogolo jang ba basimane ka e le bone ba gantsi ba amanngwang le dikgang tsa go betsa barutabana.
E ntse e le kwa phuthegong ya kgotla, Rre Nkawana o boleletse banni ba Botshabelo fa khamphani ya Premium Nickel Resources (PNR) e le yone e neetsweng boikarabelo jwa go reka moepo wa BCL mme ba santse ba le mo ditshekatshekong tsa boleng jwa moepo.
O ne a supa fa boeteledipele jwa PNR bo supile fa go tlaa tsaya nako gore moepo o bulwe ka go tlhoka go dirwa ditlhotlhomiso go ikgotsofatsa gore se ba se rekang se na le boleng ka jalo, a ba rotloetsa go tswa ka maano a mangwe a go itshetsa.
Rre Nkawana o supile fa boeteledipele jwa PNR bo supile fa ba sena go thapa palo e ntsi ya batho ka bontsi jwa ditiro di tlaabo di dirisa maranyane.
Mo go tse dingwe, Rre Nkawana o rotloeditse banni ba Botshabelo go tlhama koporase e e ka ba thusang gore phane ya bone e bo e ka rekwa ka tlhotlhwa e e botoka go na le gore e bo e tsewa mahala jaaka go diragala mo nakong ya gompieno.
A re go supagetse fa Batswana ka bontsi ba itshetsa ka phane ka jalo, go tshwanela gore e bo e na le dipoelo tse di nametsang.
Kgosi Molosiwa Molosiwa wa kgotla ya Kagiso a re le fa letlhoko la ditiro le gateletse batho, se se nametsang pelo ke go bona puso e tsweletse ka go ngokela dikhamphani kwa Selebi Phikwe.
Rre Molosiwa a re dikhamphani di simolotse go thibelela fa tse dingwe di setse di tsweletse mme ebile bana bangwe ba setse ba thapilwe mo go tsone. Ends
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : BOTSHABELO
Event : Phuthego
Date : 22 May 2022