Dikgosi di kopiwa go itshekatsheka
22 May 2022
Dikgosi tsa kgaolo ya bokone botlhaba di gwetlhilwe go itshekatsheka le go kgaratlhela go tsena mo dikgatong tsa magosi a pele.
Se se kopile ke mookamedi wa Global Transformation and Networks, Rre Taolo Moshaga mo bokopanong jwa gagwe le magosi a kgaolo eo kwa Masunga bosheng. Bokopano joo Rre Moshaga o ne a bo diretse go abela magosi mangwe a pele a kgaolo ya bokone botlhaba dietsele.
Dikgosi tse di abetsweng dietsele , di akaretsa Kgosi Katlholo Ramokate, Kgosi Maendisa Bulala, Kgosi Bakwali Habangana, Kgosi Molatlhegi Mosojane le Kgosi Godfrey Moroka, ba botlhe ba sa tlholeng ba le mo botshelong mme dietsele tsa bone di ne tsa rolelwa ba malwapa a bone, e le tsela nngwe ya go lemoga seabe sa bone mo go direleng lefatshe leno, le pele le tsaya boipuso tota.
Rre Moshaga a re lentswa a ise a ko a kopane le magosi ao, fela o itumedisiwa ke go bo motlhala wa bone wa go aga lefatshe leno o le teng mme e bile o bonala.
A redikgosi tsa pele di ne di dira tiro ya bone ya go etelela pele setshaba le go diragatsa ditlhabololo ka botswapelo. A re mo godimo ga moo, ba ne ba rotloetsa thokgamo, ngwao le setho se se eletsegang, se Batswana ba neng ba itsege ka sone.
Rre Moshaga o boletse fa go tshwenya ka jaana serodumo seo, sa bogosi go lebega se nyelela ka iketlo, ka jalo a re go abela mabutswapele dietsele ke tsela nngwe e ka yone a lekang go rotloetsa dikgosi go itlharabologelwa mme ba boele kwa marakanelong a ditsela, go itsaya motlhala.
O tsweletse a supa fa go ka nna molemo fa magosi a nako eno a ka kopa metlhale e neng e dirisiwa ke a pele, ka maikaelelo a go leka go tsosolosa le go busetsa serodumo sa bogosi. Rre Moshaga a re ba seka ba itlhokomolosa seane se se reng ‘ Tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng.’
O gakolotse dikgosi go ikela tlhoko mo dilong tse di ka ba kgaoganyang jaaka tshele, lefufa, boikgogomoso, mowa wa kilo le tse dingwe. Rre Moshaga o ne a ba tlhaba podi matseba go seke ba letelela ope a ba tlela ka dikgang tse di ka bakang makgamu magareng ga bone, a supa fa go le botlhokwa gore ba bereke ba le seopo sengwe le go tlotlana, ka seo se ka ba thusa go lere ditlhabololo mo kgaolong tse di ka sologelang molemo merafe ya bone.
Gontse go le foo, Rre Moshaga a re dikgosi ba itse fa matlho otlhe a ba lebile, ka jalo dikgato le ditiro tsa bone e nne tse di nang le boleng. Fa a leboga mo boemong jwa magosi, Kgosi Louis Siviya wa Siviya o ne a lebogela Rre Moshaga tiro e a e dirileng, a re keletso ke go bona botsalano jwa bone le ene bo tswelela go ya go ileng.
Go sale foo, Rre Moshaga o ne a tsweledisa loeto la gagwe ka go abela ba Kalakamati Mantenge Conservation Trust seeletse sa ‘Our Culture, our pride,’ mme le bone fela jalo a ba gakolola go tshwaragana tebang le go somarela le go godisa mafelo a matlotlo a di-tsa tlholego mo tikolong ya bone.
E re ka jaana go tlhalosiwa fa motse wa Kalakamati o humile mafelo a matlotlo a ditsa tlholego, a tshwana Domboshaba le Mantenge, ke ka moo Rre Moshaga a re go mo maruding a monni mongwe le mongwe wa Kalakamati go dibela le go tumisa mafelo ao. Ends
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Bokopano
Date : 22 May 2022