Breaking News

Go botlhokwa go tswakanya ngwao le methale ya sesha

22 May 2022

Go botlhokwa go tswakanya ngwao ya Setswana le mengwe metlhale ya diphetogo tsa sesha e merafe ka go farologana e tsweletseng ka go e atla e bile e tshelela mo go yone.

Kgosi Arnold Somolekae wa kgotla ya Gaborone West o buile jalo ka mafelo a beke ko ipelelong ngwao ya Setswana ke baithuti ba sekole se se botlana sa Masa mo Gaborone.

A re go tswakanya ngwao le methale ya sesha go ka tsweledisa tshomarelo ya ngwao ga mmogo le go e tlotlomatsa gore le ba ba tlang ba itse ka ditso le tlholego ya merafe ka go farologana lefatshe ka bophara.

Kgosi Somolekae a re ngwao ke yone motheo wa lefatshe leno ebile ke yone gape e bopaganyang merafe ka go farologana ka e rotloetsa ledula le lorato tse di tsweletseng ka go rena mo gae.

Le fa go ntse jalo Kgosi Somolekae o supile fa bangwe basha ba sena kitso e e kalo ka ditso tsa ngwao ya lefatshe leno. A re le fa go na le mafelo a ba ka ithutang ka ngwao mo go one, ga ba na kgatlhego e e kalo.

A re mangwe mabaka a a tlhotlheletsang seo ke gore ba tsaya nako e ntsi mo metsweding ya maranyane a sesha. Ka jalo a re go tswakanya methale ya ngwao le diphetogo tsa sesha go ka ngoka basha go supa kgatlhego tebang le go itse ka ngwao.

Kgosi Somolekae a re dingwe di akaretsa metshameko ya Setswana jaaka morabaraba, diketo, dipatlisiso tsa ngwao ya merafe ka go farologana le tse dingwe di ka ntshafadiwa tsa tsenngwa mo maranyaneng a sesha, go tla mo seemong se se ka kgatlisang basha ga mmogo le go itsa gore di nyelele.

Kgosi o supile fa ngwao e na le seabe se se bonalang e bile se eletsega go aga morafe, a fa sekai gore fa gotwe ‘lore le ojwa le sale metsi’ ke gone go supa fa ngwana a rutwa mekgwa e e siameng a sale monnye ka o ka tshwara ka bonako mme a gola a ntse a e tshegeditse.

Maikaelelo a letsatsi leo le le neng le tshwerwe ka molaetsa o o re ‘go ipelela ngwao’ e ne ele go tsweledisa le go tlotlomatsa serodumo sa ngwao ya Setswana, le gone go tsibosa basha ka kapari, mmino, dijo tsa setso le tse dingwe tsa ngwao ka go farologana. Ends

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Gaborone

Event : ipelelong ngwao

Date : 22 May 2022