Breaking News

A dikgaolo tsa boemedi di sekasekwe

22 May 2022

Dikgosana tsa motse wa Serowe di eletsa gore dikgaolo tsa bogosi tsa boemedi kwa Ntlong ya Dikgosi di sekasekwe gangwe le gape jaaka tsa dikgaolo tsa botlhophi tsa mapalamente.

Moemedi wa mokgatlho wa dikgosana ebile e le mongwe wa dikgosan kwa Serowe Kgosi Sechele Kgari o tlhaloseditse lekoko la tshekatsheko molao-motheo ka Labotlhano fa dingwe tsa dikgaolo tseo di le bophara, selo se a kaileng fa se ketefaletsa baemedi kwa Ntlong ya Dikgosi go ka dira tiro ya bone ka botlalo.

O gakolotse gore go ka nna molemo gore fa tshekatsheko ya melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi e dirwa go lebalejwe le melelwane ya dikgosi go lebilwe kemedi kwa Ntlong ya Dikgosi.

Mo ntlheng e sele Kgosi Kgari o ikuetse mo molaong go rebola gore motho a bo a ka letlelelwa go emela tsheko kwa ntle ga kgolegelo fela ka molato wa ntlha.

A re ope yo o tshwarelwang go dira molato lekgetho la bobedi kana go feta foo a tingwe tshwanelo ya go ka leta tsheko a le kwa ntle.

Moemedi wa lekgotla la babereki la Manual Workers Union Rre Lesetse Gontswe ene o ne a kopa gore fa mabaka a letla babereki le ba ba tlogetseng tiro ka bogodi ba fiwe bontlha bongwe jwa madi a bone a ba a bolokileng.

A re fa mabaka a botshelo a le thata kana fa go tlhagile sepe se se ka ba eletsang go beeletsa mo go sone ba fiwe bontlha bongwe jwa madi a bone.

Rre Gontswe o ne gape a kopa gore molao o iletse tiego ya go duela batho fa ba tlogela tiro.

Dr Ditshupo Selepeng yo ene a neng a emetse makgotla a a ikemetseng (civil society organisations) o boletse fa nako e gorogile gore makgotla ao a lemogwe ke molao le tiro ya one e papamadiwe mo molaong.

O ne gape a ikuela mo molaong go sireletsa Batswana kgatlhanong le go ka amogwa lefatshe ke babeeletsi segolo jang ba batswakwa.

A re go tshwanetse ga ilediwa batswakwa go ka reka lefatshe mo bathong.

Go sale foo, Dr Selepeng o kopile gore molao o dibele ditshwanelo tsa merafe fela jaaka o sireletsa tsa batho ka bongwe ka bongwe.

Mo boemong jwa ba-na-le bogole Rre Ontiretse Kenaope o kopile gore batho b aba nang le boswafe ba akarediwe mo go ba ba tshelang ka bogole.

O gwetlhile puso go tlhomamisa gore go nna le dingaka tsa tlhwatlhwa tse di itebagantseng le botsogo jwa ba-na- le bogole, ga mmogo le bomankge ba ba rutetsweng dikgang ka bophara tse di amang batho ba seemo seo.

Fa a itebaganya le thuto ya bana ba ba nang le bogole, Rre Kenaope yo a leng mogokgo wa sekolo se se amogelang bana ba go nna jalo, o supile fa tlhaelo ya mafelo a a sekasekang seemo le mohuta wa bogole jwa bana bao e le sekgoreletsi mo maitekong a go ba fa sebaka sa go amogela thuto.

A re go bo mafelo ao a le kwa Gaborone le Francistown fela, go tlhokisa bana ba le bantsi sebaka sa go ka ya go tlhatlhojwa, mme ebile gape go tsala tiego ya maduo a ditshekatsheko a ba ba nnileng le lesego la go ka ya kwa mafelong ao.

Rre Kenaope o ngongoretse gape tlhaelo ya ditsompelo ga mmogo le bodiredi mo dikoleng tse di amogelang baithuti ba ba-na-le-bogole.

Seo o boletse fa le sone se digela kwa tlase maiteko a go ka a fa bana bao thuto ya boleng jo bo eletsegang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : SEROWE

Event : Tshekatsheko molao-motheo

Date : 22 May 2022