Breaking News

Kabo ya lefatshe la Tuli Block e a kgetholola - monni

19 May 2022

Kabo ya lefatshe la Tuli Block ga e a tshwanela go sokamela fela ntlheng ya balemi-barui ba eleng batho-basweu e kgaphela ntle Batswana ba sekei.

Mme Lucia Kaosenya, yo e leng mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo ya motse wa Matlhako, o ntshitse boikuelo jo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go sekaseka molao-motheo kwa Machaneng maabane.

“Re kopa gore molao-motheo o patike gore puso e re lebe le rona,” ga rialo Mme Kaosenya.

O tlhalositse gape fa ele keletso ya morafe wa Matlhako gore molao-motheo o patike tiriso ya maitlamo (manifesto) a bontlhopheng.

A re se seka thusa gore batlhophi ba lebise bontlhopheng ba ba sa diragatseng ditsholofetso tsa bone dikgato tse di maleba.

Rre Charles Magamosi ene o ne a bolelela lekoko fa ele keletso ya banni ba Machaneng gore molao-motheo o neele dikgosi dithata tsa go laola merafe ya bone jaaka fa ele tsamaiso ya Setswana.

“Re eletsa gape gore dikgang tsa leruo di sekelwe fela mo makgotleng a Setswana ntle le babueledi,” a tlhalosa jalo.

E rile a nankola dikeletso tse dingwe, a re morafe wa Machaneng o batla gore katlholelo leso e tsweledisiwe,  molao o fe dikgosi tsa tetlanyo thata ya go kgwathisa badiramelato le gore ba neelwe dikamogelo tsa kgwedi le kgwedi.

Mongwe wa banni, Rre Peter Ramosweu ene o ne a kopa gore lephata la ditsha le bolawe ka le sa solegele setshaba molemo.

O boleletse lekoko fa ene a sena mathata le thulaganyo ya nako eno ya go tlhophiwa ga ga tautona.

Go itlhophela tautona, go ya ka ene, go na le makgwere bogolo jang fa mofenyi wa ditlhopho tsa go nna jalo a ka iphitlhela a tlhophilwe le mapalamente ba eseng ba mokgatlho wa gagwe.

Yo mongwe, Rre Kagiso Moatshe, o ne a tlhagisa fa go letlelela manyalo a boleng jo bo tshwanang ele go tsuulola tsamaiso ya Modimo.

O kopile gape gore e se nne banana fela ba ba fiwang dikete tse lekgolo tsa dipula go diragatsa mananeo a bone mme go akarediwe Motswana mongwe le mongwe go sa lejwa dingwaga.

Fa a ntsha mogopolo wa gagwe, Mme Mmapula Solobi o ne a kopa gore go dirwe melawana e e ka tsenyang mapalamente mo tseleng.

Go ya kaene, Palamente e dule mo tseleng e bile ke matlhabisa ditlhong mo setshabeng.

“Ga gona molao, ga gona o monnye le yo motona ke di sorokise fela,” o buile jalo.

 Mme Gotlotlwamang Paulo ene o supile fa keletso ya gagwe e le gore molao-motheo o letlelele borre ba ba sotlwang ke basadi go nyala lefufa.

Rre James Motsamai o ne a kopa gore molao o patike gore thulaganyo ya tlhalo e seka ya nna ya banyalani fela nne e nne morero wa batsadi ba e rileng kwa tshimologong ba bo ba rwele tsamaiso yotlhe ya lenyalo kwa tlhogong.

Moemedi wa baruti mo Machaneng, Rre Elijah Koboto o ne a kopa gore molao-motheo o tlame puso go sekegela tsebe dikopo tsa lefatshe la kobamelo a re mo nakong eno, dikereke dingwe di felela di ipaya ka lebaka la tiego.

“Re iletsa gape gore molao-motheo o tlame puso go dira diphapusi tse baruti ba ka sedilelang bodiredi maikutlo mo go tsone,”ga rialo Rre Koboto a gatelela fa lefoko la Modimo ele molemo.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : MACHANENG

Event : Tshekatsheko molao-motheo

Date : 19 May 2022