Breaking News

Tshomarelo ya metlobo ya ditso e botlhokwa

19 May 2022

Go botlhokwa go tlotlomatsa le go sireletsa metlobo ya ditso ka jaana e le mongwe motswedi o tsweletseng ka go tshegetsa le go nosetsa ngwao ya merafe ka go farologana lefatshe ka bophara.

Mafoko a, a builwe ka Laboraro ke motshwarelela mothusa mokwaledi wa lephata la Tikologo le Bojanala, Rre Boatlametse Modukanelo mo boemong jwa Tona Phildah Kereng kwa segopotsong sa letsatsi la mafatshefatshe go ipelela metlobo ya ditso.

Letsatsi leo le ne le ketekwa ka molaetsa o o reng Maatla a Metlobo ya Ditso, se e le go supa fa metlobo ya ditsoa e na le maatla go aga setshaba se se tsweletseng, e bile se kgona go ikemela ka nosi le tse dingwe ka go farolgana.

Rre modukanelo a re go botlhokwa go boloka dipatlisiso tsotlhe tsa ngwao tse di kwadilweng le tse dingwe tse di bopilweng kgotsa di logilwe, le tse di betlilweng ka go farologana ga tsone go tlhalosa ngwao le kgatlego ya yone.

A re metlobo ya ditso e ka nna tsela e e maleba ya go arogana methale ya dingwao ka go farologana gape e na le seabe se se bonalang go ka kopanya merafe le gone go batla di tsela tse di maleba tsa go tshidisanya mmogo le ntswa dingwao di ka farologana.

Rre Modukanelo a re kwa ntle ga go boloka ngwao, metlobo ya ditso e na le seabe se se tseneletseng mo go tlhameleng beng gae mebereko le gone go tlotlomatsa mangwe matshego a ponelo pele ya ngwaga wa 2036.

Go sale foo, o supile gape fa metlobo ya ditso e ka nna le seabe go rotloetsa badiragatsi go ka phadisana, go dira dithoto tsa boleng jo bo kgatlhisang, ka jaana dilo dingwe tse ba di dirileng e bile di supa boleng jo bo rileng di ka bewa mo ntlo lehalahala ya metlobo ya ditso ka go farologana.

A re seo gape se ka direla badiragatsi letseno, ka jaana batho ka go farologana ba akaretsa bajanala ba ka supa kgatlhego le go reka dithoto tse di supilweng mo mafelong ao. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : GABORONE

Event : Segopotso

Date : 19 May 2022