Breaking News

Diruiwa di tlaa rekisiwa ka palabalo

19 May 2022

Barui le setshaba kakaretso ba rotloeditswe go reka leruo la matsopa aa farologanyeng ka palabalo kwa polasing ya puso ya Lobu mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa go tlhabolola leruo la bone go nna la boleng jo bo kwa godimo.

Mo puisanong moanamisa mafoko wa lephateng la temo thuo mo Kgalagadi Borwa, Rre Keorapetse Modise o tlhalositse fa maikaelelo a thekiso eo e le go thusa barui go tlhabolola leruo la bone.

A re seo gape se ka thusa go tokafatsa matshelo a barui ka jaana ba tlaa kgona go rekisetsa matlhabelo a dihutshane aa agiwang mo Tsabong ka ditlhotlhwa tse di botoka.

Rre Modise o ne a tswelela ka go tlhalosa fa palabalo eo e tla simololwa kgwedi eno e le masome a mabedi le bone go fitlha e le masome a mabedi le botlhano ka nako ya borobabongwe mo mosong kwa polasing ya Lobu ee gaufi le Khuis.

O boletse fa leruo le le tlaa rekisiwang le tla akolwa fela ke Batswana mme le feta makgolo a mararo. 

Leuo le, le bontsi jwa lone e leng dihutshane le akaretsa dipodi le dinku tse di namagadi, diphelefu, diphoko, dipoo, le dipitse.

Rre Modise o ne a tlhalosa gape fa matsopa a a tla rekisiwang ka palabalo a dipodi a akaretsa Boer Goat, Sannen (tsa mashi) le Savanna fa dinku tsone e le letsopa la Dorper, Meat Master, Swakara le Damara fa dikgomo tsone e le dipoo tsa Brahman.

O boletse fa botlhe ba ba nang le kgatlhego ya go tsenelela palabalo eo ba tlaa lefisiwa madi a ikwadiso a P500 aa ka a busediwang morui fa a sa kgona go reka.

Rre Modise o boletse fa e se la ntlha palabalo eo e dirwa mme maikaelelo a puso e le gore e dirwe ngwaga le ngwaga gore Batswana ba kgone go e akola go tlhabolola leruo la bone.

O boletse fa polasi ya Lobu e tsweletse ka go sologela barui le Batswana ka kakaretso molemo ka jaana ba ba thusitsweng ka mananeo a puso ba isiwa dithutong teng go ba tlhatlhelela ka tsa thuo, tsamaiso ya dihutshane, tlhokomelo le tsotlhe tse di amang thuo mme ebile ba sa lopiwe sepe sa dituelo.

O ne a tlatsa ka go supa fa ba tla tlhomamisa gore melawana yotlhe ee dirilweng go kganelwa go anama ga mogare wa COVID-19 e salwa morago ka nako ya palabalo.

Mo potsolosong le morui mongwe wa popota mo kgaolong eo, Rre Mock Ntau o ne a lebogela hekiso ya palabalo ka e ka sologela Batswana molemo ka go tlhabolola leruo la bone go nna lwa boleng jo bo kwa godimo ebile le itekanentse.

Rre Ntau o ne a gakolola ba lephata la temo thuo gore ka nako tsotlhe ba tlhomamise gore leruo le le rekisiwang le bo le itekanetse sentle ka go tlhatlhojwa pele ke dingaka tsa leruo ka seo se ka thusa barui go nna le maduo a ba eletsang. 

Fa a bua mabapi le ditlhotlhwa tsa peeletso tse puso e di beilweng (Reserve Price) o boletse fa e le tse di lekanetseng mme sebe sa phiri e le batho bangwe ba ba felelang ba tsholetsa ditlhotlhwa selo se a supileng fa se baya Batswana ba bangwe ka fa mosing ka bangwe ba felela ba tswa ba fela ba iphotlhere.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : LOBU

Event : Potsolotso

Date : 19 May 2022