Breaking News

Tlhamelang dikereke molawana o o faphegileng

18 May 2022

Lekgotla la baruti la motse wa Ramokgonami le batla kereke e tlhomelwa molawana o o faphegileng o e tlaa tsamaisiwang ka one o o tlaa e farologanyanng le mekgatlho e mengwe.

Moemedi wa lekgotla Moruti Benjamin Radira o lekodisitse lekoko la tshekatsheko molao-motheo fa le etetse kwa Ramokgonami ka Laboraro fa kereke e se mokgatlho fela o o tlwaelesegileng ka jalo go se maleba gore e bo e wela ka fa tlase ga molawana wa kwadiso le tsamaiso ya mekgatlho.

Moruti Radira o kopile gore fa molao o mosha oo o dirwa go reediwe lentswe la makgotla a a okametseng dikereke ka e le one a ka gaokololang mo go betlweng ga one ka a tlhaloganya tsamaiso ya kereke botoka.

Fa a ama kgang e sele, moemedi yoo o kopile gore kereke e nne le kemedi kwa palamenteng, mme a gatelela botlhokwa jwa gore kemedi eo e dirwe ka motho yo o sa amaneng le sepolotiki.

A re go tlhoka kamano le sepolotiki ga moemedi yoo go ka go kgontsha go tsepama mo go lweleng dikeletso tsa kereke eseng sepe gape.

Mo go tse di amang ba-nale-bogole Moruti Radira o kopile gore molao o tlame puso go fa batho ba go nna jalo ditlamelo tsotlhe tse ba di tlhokang, seo e le tsela ya go ba fokoletsa go ka kokonelwa ke manokonoko a botshelo.

Moemedi wa mokgatlho wa tsa kalafi wa Tsa Botlhabatsatsi Rre Gabariele Kaelo ene o kopile gore mokatlho wa bone o lemogwe ke molao go bo go tlhongwe melawana e e tlaa papamatsang wa ba wa laola ka fa o tshwanetseng wa tshwaragana le ba botsogo ka teng.

Fa a tlhalosa go ya pele ka mokgatlho wa bone, Rre Kaelo o kaile fa o akaretsa batho ba ba thusang ka tsa kalafi, mo go bone go balelwa baruti le baporofiti ga mmogo le dingaka tsa setso.

A re e re ka ba leka ka natla go aga tshwaragano mo gare ga bone le ba botsogo, ba eletsa gore seo se laolwe ke molao gore ba tle ba kgone go fa balwetse tlhokomelo e e lolameng; a supa fa mo mabakeng a mangwe ba patelesega go fetisetsa balwetse kwa dipatela mme ba eletsa gore mo mabakeng ao go seka ga nna le dikgoreletsi dipe mo go amoganeng molwetse ga bone.

Mokgatlho wa Tsa Botlhabatsatsi o dumela gape gore go lemogwa ke molao go ka thusa go baya leitlho tsietso e manweenwee mangwe a tsweletseng ka go e dira mo setshabeng a iphitlhile ka fa morago ga leina la kereke ga mmogo le bongaka jwa setso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : RAMOKGONAMI

Event : Tshekatsheko ya molaomotheo

Date : 18 May 2022