Breaking News

Ba kopa kgaoganyo ya kgaolo ya legare

18 May 2022

Kgaoganyo ya kgaolo ya legare e e leng nngwe ya dikgaolo tse di bophara mo lefatsheng la Botswana e tshwanetse ya kgaoganngwa.

Se se builwe ke banni ba kgaolo ya Lerala/Maunatlala mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go sekaseka molao-motheo wa lefatshe la Botswana ka Labobedi kwa motsing wa Maunatlala.

Bontsi jwa baemedi ba metse ya kgaolo ya Lerala/Maunatlala e e akaretsang Maunatlala, Selolwane, Mosweu, Mokwakwana le e mengwe ba supile fa kgaoganyo eo e ka lere ditlhabololo ka bonako mo metseng ya bone.

“A re nneng Tswapong District re bo re nne le lekgotla la kabo ditsha le le feletseng la kgaolo,” Ga bua jalo Rre Tshokolo Phuthego wa motse wa Lesenepole.

A re go sa tlhabologa ga metse ya Tswapong ke ka ntlha ya gore e be metse ya go nna jalo e sa bolo go nna kafa tlase ga kgaolo ya legare e e atlhameng ka lebaka le le leele.

Banni ba ne ba supa fa ba eletsa go nna le Kgosi-kgolo e e tla ba emelang kwa ntlong ya dikgosi fela jaaka ele thulaganyo mo merafeng e mengwe.

Mo go tse dingwe, Rre Ramabele Ramabele go tswa wa motse wa Mosweu o ne a kopa gore molao-motheo o letle fela batho batho ba ba nang le itsholelo e e rileng go emela ditlhopho tsa botautona go hema tshenyetso setshaba e e ka dirwang ke batho ba ba tsenelang mo maemong go gopela itsholelo.

Mafoko a ga Rre Ramabele a ne a gatelelwa ke Rre Moses Otsogile yo o neng a bua mo boemong ja banni ba Mokokwana.

O ne a re: “Motho yo o eletsang go emela maemo a bo Tautona o tshwanetse go bo a na le didikadike tsa dipula di le tlhano le dithoto tse di ka dirang sedikadike sa dipula le ditousane tse di makgolo a maroro.”

Mo go tsa bogadi, banni ba ne ba kopa gore go tsene mo molao-motheong gore seelo sa bogadi e nne dikgomo tse di ferangbongwe lefatshe ka bophara kgotsa ditousane tse tlhano tsa dipula fa ele jwa madi.

Mongwe wa Banni, Rre Peter Motlaleng ene o ne a supa matshwenyego ka go latlhegelwa ke dikolo ga bana ba basetsana ka lebaka la boimana. O tlhalositse gape fa bontsi jwa basetsana ba latlhegelwa ke matshelo fa ba leka go senya dimpa.

Ka jalo, Rre Motlaleng o ne a supa fa nako e gorogile gore go senngwa ga mpa go letlelesege ka fa molaong, a re seo se ka dira gore bana ba basetsana ba tswelele ka dithuto tsa bone ebile ba seka ba latlhegelwa ke matshelo.

Mme Gloria Kebonang yo e leng motlhoka pono o ne a re tsamaiso ya nako eno e e dirisiwang go thusa batlhoka-pono go tlhopha e tlhoka go sekasekwa ka e sa ba jese di welang.

“A molao-motheo o bone gore re tlhopha jang mo re taa kgotsofalang,” a rialo. Mo phuthegong ya makoko a a ikemetseng, ba Lentswe la Batswapong ba ba neng ba emetswe ke Rre Carter Morupisi ba ne ba kopa gore morafe wa Batswapong o lemogiwe o bo o kwalwe mo molao-motheong.

Rre Morupisi o ne a tlhalosetsa lekoko la tshekatsheko molao-motheo fa ele keletso ya Lentswe la Batswapong gore kgaogano ya tsamaiso puso (separation of powers) e diragale ka nnete mo lefatsheng la Botswana.

A re dingwe tsa dintlha tse di ka dirang gore se se supagale sentle ke go ntsha tiro ya go tlhoma baokamedi ba makgotla mangwe jaaka la DIS, Ramelao megolo, Twantsho-tshenyetso Setshaba le la Boatlhodi go mo go Tautona.

A re makgotla ao a tshwanetse gape a tswa ka fa tlase ga ofisi ya ga Tautona.

“A kgotla ya ditsheko tsa pereko e tswe ko lephateng la pereko e tsenngwe ko go ba boatlhodi,” o ne a tlhalosa jalo Rre Lister Magowe wa lekoko la Dikgosana ene o ne a o ne a kopa gore leina kgosana le emisediwe ka la Kgosi ya Tlelanyo.

O ne a kopa gore thupa ya mokwatla e boele le gore molao-motheo o sekasekwe morago ga dingwaga dingwe le dingwe tse di masome a mabedi le botlhano.

Moemedi wa lekgotla la Baruti ko Maunatlala, Moruti Ezekiel Semadi ene o ne a tlhalosa fa ele baruti ba le kgatlhanong le thulaganyo ya go tlhatlhama mo maemong a bo Tautona.

O ne gape a kopa gore go nne ka fa molao-motheong gore letsatsi la ditlhopho tsa setshaba le papamale le bo le itsiwe ke botlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : MAUNATLALA

Event : Tshekatsheko ya molaomotheo

Date : 18 May 2022