Kgosi Kgari o batla go tlhabolola kgotla
18 May 2022
Kgosi Sechele Kgari wa kgotla ya Mokwena kwa Serowe yo o sa tswang go tsaya setilo sa bogosi a re keletso ya gagwe ke go bona kgotla e, e fiwa tlotla le seriti tse di e tshwanetseng ka e le nngwe ya dikgotla tse ditona.
Kgosi kgari a re o ikaeletse go netefatsa gore kgotla e, e e tlholegang kwa Molepolole e na le ditsompelo jaaka leobo le diofisi, tse di botlhokwa mo tsamaisong ya tiro ya bogosi.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng kgosi o ne a re bogosi ke lengwe la matshego a puso ya Botswana e ikaegileng ka lone go netefatsa thokgamo le kagiso mo merafeng.
Are bogologolo dikgosi di ne di dira ditiro tsa setshaba, a re e ne e le bone ba abang lefatshe pele ga lephata la kabo ditsha le nna teng.
O kaile fa bogosi jwa Bakwena bo na le motlhala o o papametseng, a re kgotla ya Mokwena ke nngwe ya dikgotla tse di tona ebile e na le morafe o montsi mo Serowe.
A re fa a gola, dikgotla di ne di bitswa metse mme yare go ntse go tsweletse ga nna le potso ya gore a mme motse o ka nna mo motseng o mongwe mme ga felela metse eo e fetolwa go bitswa dikgotla.
Kgosi Kgari o kaile gore ntswa ba agile kwa GammaNgwato kwa Serowe ga ba a latlha tshika ya gaabo, selo se se supilweng ke tirisanyo mmogo ga reng ga bone le Bakwena ba ba kwa Molepolole.
A re ba rerisiwa sentle ditiro tse di dirwang kwa Molepolole ebile go na le tomagano le tshwaragano.
Kgosi kgari yo o digelang dingwaga tse masome a supa ka Phatwe o boletse fa ele ngwana wa ga kgosi Bakwena Kgari, yo sekole se se golwane kwa Serowe se reeletsweng ka ene .
A re kgotla ya Mokwena e ne e le kgotla ya ga rraagwemogolo a bidiwa Jakoba Kgari. Kgosi Jakoba e ne e le ngwana wa ga Kgosi Kgari I wa ntlha.
Kgari I e ne e le ngwana wa ga Sechele I, Sechele I e ne e le ngwana wa ga Motswasele II.
Dikgosi tse di ne di bitswa fela tsotlhe ka go reelelwa ka ba sa batle gore maina a bone a bogosi a seka a nyelela.
Go gorogeng kwa Serowe kgosi Khama III o ne a ba fa lefatshe kwa thoko ga motse, le mo go lone ba neng ba nna ba le nosi ba sa kopane le merafe e mengwe.
A re Bakwena ga ba a bolo go nna le Bangwato jaaka ba fitlhelwa kwa Shoshong le Malaka mo mafelong a mangwe.
A re kgotla ya bone e ne e le gaufi le kgotla ya Goorra Sekga mme ka nako eo ka motse o ne o ise o gole go ne go bonala e kare Bakwena ba beilwe kgakala thata le kgotla e tona.
Ka jalo fa motse o ntse o gola ba sutisiwa gape mme ba nna fa ba leng teng mo nakong eno, mme kgang kgolo e le gore Bakwena ba kgone go dira segabone ba sa kgorelediwe ke sepe.
Kgosi Kgari a re lebaka le lengwe e ne e le gore morafe wa Bakwena o ne o le montsi mme Kgosi Khama III a ba baya kwa thoko gore a kgone go ba laola sentle.
Ntswa Bakwena ba ne ba beilwe kwa thoko ga motse, go ne go na le ba bangwe ba ba neng ba tsenngwa mo dikgotleng tse dingwe di tshwana le ya Basimane, Maalosong le Gooramarokhu mabaka e le gore ba seka ba metsa Bangwato.
Kgosi kgari a re e rile ka nako ya fa ba sena go bewa gone fa kgotla ya Mokwena e leng teng, raagwemogolo e leng Kgosi Jakob a tsaya tshwetso ya go boela Molepolole mme a feta a neelwa kgotla.
Go ne ga sala ngwana wa gagwe e leng Kgosidintsi Kgari. E ne yare nako e ntse e tsamaya Kgosi Kgosidintsi a tsamaya le Kgosi Tshekedi khama kwa Rametsana kwa go neng go na le kgang teng, mme bogosi jwa lebagana rre rraagwe e leng Kgosi Bakwena.
A re Kgosi Bakwena a felela a tsena mo polotiking ka jalo bogosi jwa kgotla e, jwa tsaaisiwa ke ba ba neng ba tshwarelela go simolola ka ngwaga wa 1952 go fitlhelala ka 2017, go bewa Kgosi kgari .
Le ene o ne a tshwarelela ke bo rangwane ka go farologana go fitlhela a tsaya setilo sa gagwe kgwedi e e fetileng.
Kgosi kgari o ne a supa fa a itumelela gore a bo a le mo kgotleng a re ntswa e ne e na le dingwaga di le dintsi e tshwareletswe, o dumela gore o tlaa fitlhelela tsotlhe tse a di eleletsang kgotla ya gagwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 18 May 2022