Dipalamo di kgoreleditse matshelo
18 May 2022
Banni bangwe ba Serowe le metse e e mo tikologong ba boletse fa ba paletswe ke go ya go tsaya melemo le go bona ba bongaka ka ntlha ka go tlhoka dipalamo tsa setshaba ka Labobedi.
Mongwe wa banni, Mme Chiza Wisiso o boletse mo potsolosong gore o ne a tshwanetse go ya go tsaya seipone (x-ray) kwa kokelong ya Sekgoma mme a paletswe.
A re balwetse bangwe ba paletswe ke go ya kokelong ka ba sena se ba tsamayang ka sone ebile bangwe jaaka ene ba ne ba tshwanetse go isa bana sekaleng.
Mme Wisiso o boletse fa ba tla leka go tsamaya ka dinao go ya kwa marekisetsong.
A re kereke ya bone e tsena nako le nako mo maitsiboeng mme ba beile mo go hiriseng dipalamo tsa setshaba go ba busetsa kwa malwapeng fa kereke e tswa.
Rre Lingani Mathumo wa kgotla ya Makolojane kwa Serowe o boletse fa bo rradipalamo ba ne ba tshwanetse go rerisa bapagami pele ga ba emisa go theogela, a tlatsa ka gore go sokola bapagami eseng puso.
A re o ne a tshwanetse go ya Sekgoma le kwa lephateng la kabo-ditsha mme jaanong go mo patika go tsamaya ka dinao.
Rre Lingani a re go ya kwa lephateng la kabo-ditsha o tswa Makolojane ke sekgele sa dikhilomithara dile boferabongwe mme go tswa ko lephateng la kabo-ditsha a fetela kwa kokelong ya Sekgoma ele dikhilomithara tse tlhano.
A re batho ba ba nang le dikoloi ba tshaba go ba pega ka gore ba tlaa kgopisa ba ba ngadileng ba dipagamo tsa setshaba.
Rre Mathumo o boletse fa bontsi jwa bana ba dikole ba sa ya dikoleng ka ntata ya letlhoko la dipalamo.
Bangwe ba babereki le bone ga ba a ya ditirong fa bangwe ba tsene morago kwa ditirong.
Mme Maggie Mokopi yo o theogelang kwa toropong o boletse fa ba ne ba kopa go pegiwa ke ba ba nang le dikoloi mme go tsaya lobaka ba eme mo tseleng ba kopa.
A re go thata go ema mo ditseleng ba kopa mosepele ka ebile dikoloi tse dingwe di sa itekanela ebile di sa babalesega.
O kopile gore ba lephata la taolo mesepele ba tlogele batho go thusa fa dipalamo tsa setshaba di santse di eme gore botshelo bo tswelele.
Bangwe ba dikgwebo tsedi potlana ba paletswe ke go ya marekisetsong ka gore dipalamo tsa setshaba ke tsone tse di ba thusang go isa dithoto tsa bone kwa mmarakeng.
Mo potsolosong le BOPA, modulasetilo wa Serowe Taxi Association, Rre Lekgowa Balopi o tlhalositse fa bontsi jwa dipalamo mo Serowe di eme mme ele manotonyana fela a a theogetseng.
O boletse fa koketso ya ditlhotlhwa tsa leokwane bosheng e fitlhela go ntse gona le dilelelo tse di teng jaaka go kopa puso go ba thusa ka go fokotsa madi a ba a kgethang kwa lephateng la dipalamo.
A re go fetola koloi o tsenya e nngwe mo tseleng ene ele P650 mme jaanong go okeditswe go nna P2 000.
Rre Balopi o kaile fa mo go ba kokonelang thata. O boletse fa go shafatsa teseletso go o keditswe go tswa mo go P260 go ya kwa go P500.
O boletse fa ba kopile puso go ba thusa ka seemo seo mme ba sa bone dikarabo sentle.
A re kgwebo ya bone ga e bone dipoelo.
Rre Balopi boletse fa dikarolo tsa dikoloi le dithaere le tsone di tura. Are ba tla emela karabo go tswa ko go ba ba meleba.
Le fa gontse jalo, mogolwane ko lephateng la dipalamo mo Serowe, Mme Gofaone Kavezedi o boletse fa beng ba dipalamo ba sa tsose modumo le gore ga ba ba tlhorontshe ka sepe.
A re ba ne ba lekile gore ba dira dipopelelo mme mapodisi a tsela a ba gakolola sentle ka jalo ba le ko renkeng fela.
A re dikgang tse dingwe jaaka dikoketso tsa madi a sepagano le a di teseletso di santse di le mo tafoleng kwa Gaborone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 18 May 2022