A makgotla setso a newe seriti
17 May 2022
Mokgatlho wa Lentswe la Batswapong o eletsa gore tsamaiso ya molao wa makgotla a Setswana a ditsheko e tokafadiwe gore seriti sa makgotla ao se tlotlomale.
Moemedi wa mokgatlho oo Rre Leonard Sesa o boleletse lekoko la tshekatsheko molao-motheo ka Labobedi kwa Lerala fa ba eletsa gore makgotla a Setswana a ditsheko a tlhomelwe dikgotla tse di tsamaelang le tsa molao wa Sekgoa.
A re le tsamaiso ya gore dikgang fa di tswa kwa lekgotleng la Setswana la boikuelo di bo di fetisediwa kwa kgotleng-kgolo ya ditsheko (High Court) ga e maleba, ka jalo go le botlhokwa gore go nne le kgotla e e kwa godimo ga ya Setswana ya boikuelo.
Rre Sesa o bile a kopa gore molao o fetolwe go letla palamente go sekaseka le go fetisa pego ya lekoko la tshekatsheko kgaoganyo ya dikgaolo tsa botlhophi.
A re go dira jalo go ka thusa go tlhomamisa gore makgamu otlhe a sepolotiki a amogela le gone go ikamanya le pego eo, a supa gore go bo e fetiswa ke Tautona a le esi go rotloetsa mapolotiki go e ikgatholosa le go seke ba batla go ka amanngwa le yone.
Mo go tlhongweng ga khuduthamaga ya puso, Lentswe la Batswapong le eletsa gore matona a ikopele tiro mme a thapiwe go lebilwe gore a dithutego tsa bone di tsamaelana le ditiro tsa maphata a ba batlang go a etelela pele.
Rre Sesa a re go ya ka mokgatlho wa bone, go nna le dithuto tse di maleba go ka nonotsha ka fa maphata a dirang tiro ka teng ka jaana matona a one a tlaa bo a na le dikitso tse di tlhokwang go ka isa maphata a bone kwa pele.
Mo go e sele o kopile gore go amogelwa ga madi a bagodi go simologe ka dingwaga tse 60.
A re e re ka jaana dingwaga tsa botshelo tsa Batswana di wetse tlase, bagodi ba tshwanetse ba simolola go amogela fela jaaka ba tlogela tiro go itsa go tloga ba tlhokafala ba ise ba akole madi ao.
Moemedi wa lekgotla la baruti Moruti Goitsemodimo Isaac o tlhaloseditse lekoko fa bone e le kereke ba eletsa gore katlholelo leso e emisediwe ka kgolegelo ya botshelo jotlhe ka go sena ope, go akarediwa le puso tota, yo Modimo a mo fileng tshwanelo ya go bolaya motho yo mongwe.
Moruti Isaac o ne mo ntlheng e sele a kopa gore bommabana ba nne le boikgethelo jwa gore a ba kwala borrabana mo ditlankaneng tsa bana tsa matsalo kana jang.
A re borrabana, segolo jang ba ba senang seabe mo matshelong a bana ba bone, ba seka ba tsenngwa mo ditlankaneng tsa bana.
A re borre ba go nna jalo gantsi ba ketefaletsa bommabana mabaka a botshelo fa ba tlhokwa go thuswa ka sepe se se amanang le go nna teng ga maina a bone mo ditlankaneng tsa bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : LERALA
Event : Tshekatsheko molao-motheo
Date : 17 May 2022