Merafe o ngongorega ka tsamaiso ya bogosi
17 May 2022
Go tlhophiwa ga Kgosi mo go belaesegang go dirilwe go sa salwa tsamaiso morago go tsositse kgaruru kwa Letlhakane.
Ka kgwedi ya Morule e le lesome le boraro ngogola, banni ba Letlhakane ba ne ba tsena mo thulaganyong ya go tlhopha morago ga kitsiso ya gore Kgosi Baruntshi Kegapetswe o tlogetse tiro.
Mo ditlhophong tseo, morafe o ne wa tlhopha kgosana Dira Galeragwe wa kgotlana ya Tawana West, go tlatsa bobedi jwa ga Kgosi Tikologo Supang le Kgosi Ewetsemang Rethatoleng.
Le fa go ntse jalo, morafe ipotsa gore a se ba se dirileng se na le boamaruri ka gore mo nakong eno, Kgosi Kegapetswe, yo go neng go tlhalosiwa a fologile setilo, a tsweletse ka tiro.
Banni ba ntshitse dingongorego tsa bone ka Labotlhano mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe.
Rre Meshack Thanke a re morafe o ne wa gakgamadiwa ke pego ya gore ba tshwanetse go tlhopha Kgosi, ka gore Kgosi Kegapetswe o tlogela tiro.
Le fa go ntse jalo, Rre Thanke a re o ne a gakgamadiwa ke gore ga go a nna le thulaganyo ya gore morafe o itsisiwe semmuso gore moeteledipele wa bone o rola marapo.
Le fa morafe o ne o le mo tsietsing, Rre Thanke a re setshaba se ne sa felela se tlhopha mo ditlhophomg tse di neng di rulagantswe ke ofisi ya bogosi.
O supile gore fa go na le ditlhopho morafe o tshwanetse wa itsisiwe go ntsha maina a ba ba eletsang go tsaya setilo sa bogosi le gore tsamaiso ya ditlhopho e dirisiwa fela fa morafe o sa dumalane.
“Tota le fa Kgosi Kegapetswe a ne a sa bonale mo Kgotleng ka nako eo, e bile go umakiwa leina la gagwe, re ne re sena kitso e tletseng ya gore gatwe ke kgosi ofe mo borarong jwa bone yo o tlogelang, ka gone go sena kitsiso e dirilweng mo Kgotleng.
Le gompieno jaana re a ba bona ba mmogo, ba dira tiro ya bone. Ka jalo re batla tlhaloso. Re ipotsa gore mo nakong eno yo re mo tlhophileng seemo sa gagwe ke eng.
O filwe tlhaloso e e reng,” ga botsa Rre Thanke.
Le fa bontsi jwa batsena phuthego ba ne ba supa fa go ne go sena morero wa gore Kgosi Kegapetswe o tlogela tiro, mongwe a ne a supa gore le fa gone go ntse jalo, e ne yare mo go nngwe ya ditiro tsa motse, Kgosi Kegapetswe a bua gore tiro e o ke ya bofelo a buisa morafe ka gore o tsere tshwetso ya gore a ikhutse.
Mongwe wa ba ba neng ba ntsha matshwenyego a bone, Rre Motlhaleemang Lentshiile a re o tshwenngwa ke gore ofisi ya bogosi ga ena tomagano le therisano e lolameng le morafe, ke ka jalo go tlhophiwa ga Kgosi bosheng go diragetse mo ponong ya bone, e bile go dirilwe mo kgotleng ya motse mme ba sa kgaleme.
Rre Lentshiile a re morafe o dirisiwa diphoso tse di ka felelang di kgaogantse motse le go kgobera ledula.
Ka jalo morafe o kopile gore bodiredi jwa ofisi ya makgotla a Setswana jo bo neng bo dirile thulaganyo eo, bo ntshe tlhaloso mabapi le se se diragetseng. O supile gape gore go lebega magosi ka boraro ba sa tshwaragana mo thomong e ba e filweng go etelela motse le go thusa morafe, ke ka moo ditiragalo tse di gogobisang leina la motse mo seretseng di tsweletse.
Mme Sephonono Mochaka le ene o supile gore diofisi tsa kgotla ga di mo seemong se se itumedisang ka jalo morafe ga o bone thuso ka tshwanelo. Mme Mochaka a re sepe se se sa tsamaeng sentle mo kgotleng se tshwanetse sa lekodisiwa morafe le go tsibogelwa ka bofefo.
E rile a tsibogela matshwenyego a morafe, mokwaledi wa makgotla a Setswana mo Boteti Botlhaba, Mme Kgalalelo Porati o ne a kopa maitshwarelo ka kgang ya gore morafe ga o itumedisiwe ke kafa ba thusiwang ka teng mo kgotleng ya bone.
Mme Porati a re go botlhokwa gore morafe o ntshe tse di sa ba itumediseng gore ofisi ya gagwe e kgone go tokafatsa ka fa e neelang morafe ditirelo ka teng. “Re le utlwile re tla ipaakanya. Ba ba lelang ka gore ga ba thusiwe sentle re kopa maitshwarelo, re tla ipaakanya,” ga tlhalosa Mme Porati.
Fa a itebaganya le kgang ya go tlhophiwa ga Kgosi, Mme Porati o tlhalositse gore ofisi ya gagwe e itse ka ngongora eo le gore ba tla rulaganya go neela morafe karabo.
“Re mo thulaganyong ya go le neela karabo, go na le ditshwetso tse di tserweng mabapi le kgang eo,” ga tlhalosa Mme Porati.
Mopalamente Lelatisitswe le ene o supile fa a gakgamaditswe ke thulaganyo e dirilweng go tlhopha Kgosi. “Le nna ke le moemedi wa lona kwa palamenteng, ke ntse ke tshwenyegile thata ka tlhakatlhakano e dirileng gore go felele morafe o tsena mo thulaganyong ya go tlhopha kgosi.
Ba ba dirileng jalo ba tshwanetse ba boela mo Kgotleng go tlhalosa se se dirgaetseng le gore go ya pele go diragala jang.
“Nna ga ke a bona mokwalo ope o tlhalosang gore Kgosi Kegapetswe o tlogela tiro, ka jalo ba ba dirileng thulaganyo ya go tlhopha kgosi ba tshwanetse go tla go ikopa maitshwarelo mo morafeng. Ke buile le tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae ka seemo se, gore kgang e, e baakanngwe ka gore e ka kgobera kagiso mo motseng,” ga tsiboga Rre Lelatisitswe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 17 May 2022