Mokgatlho wa BLLAHWU o rotloetsa popagano
17 May 2022
Ba mokgatlho wa babereki wa Botswana Land Board Local Authorities and Health Workers Union (BLLAHWU) ba rotloeditse babereki go nna maloko a makgotla a babereki gore ba kgone ba bue ka lentswe le le lengwe.
Fa a bua ko moletlong wa ipelelo dingwaga tse di masome matlhano wa mokgatlho oo ka mafelo a beke, Modulasetilo wa mokgatlho mo kgaolong ya Selebi Phikwe, Rre Shangarani Mbai a re go botlhokwa gore babereki ba nne seopo sengwe gore lentswe la bone le kgone le utlwale.
A re go a tshwenya gore babereki bangwe ba bo ba se mo makgotleng a ba babereki ntswa ditshwanelo tsa bone di tsweletse ka go gatakiwa ke bahiri ba bone.
Rre Mbai o tsweletse ka go rotloetsa maloko a BLLAHWU go ititaya ka thupana go tsenelela diphuthego tsa mokgatlho, a tlhalosa fa go tshwenya gore maloko a bo a tsweletse ka go ikgatholosa sepe se se amanang le ditiro tsa lekgotla la bone.
Rre Mbai a re seemo sa itsholelo ya malwapa se ile kwa tlase fela thata mme se kokonetse maloko ka jalo lekgotla ga le kitla le ipona tsapa go buelela maloko a lone ka diemo tse di ba gateletseng bogolo jang dikatso tse di kwa tlase.
A re le fa botshelo bo le bokete maloko a seka a tsholetsa diatla ka gore se se ka dira gore mohiri a bone tshono ya go gataka ditshwanelo tsa babereki le go feta.
Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa kgaolo ya Selebi Phikwe wa mokgatlho wa babereki wa Botswana Nurses Union (BONU), Rre Oageng Baraedi o akgoletse ba BLLAHWU go bo ba kgonne go goroga ko dingwageng tse di masome matlhano.
A re se ga se a tla go le bonolo mme se supa fa go na le tshwaragano le popagano fa gare ga boeteledipele le maloko a BLLAHWU.
O lebogetse tshwaragano fa gare ga BLLAHWU le mokgatlho wa BONU, mme a kopa gore tshwaragano e e tie go feta gore matshelo a maloko a bone a kgone go fetoga.
Mokwaledi wa BLLAHWU wa kgaolo ya Selebi Phikwe, Mme Pelo Gaseitsiwe o kopile maloko a BLLAWU bogolo jang banana go tila tshenyetso sechabeng ka gore e ka ba senyetsa tiro.
A re banana ka bontsi ba rata botshelo jo bo kwa godimo mme ele gone ba simololang go bereka ka jalo ba felele ba inaakanya le tshenyetso sechaba.
A re go dira jalo go tsenya makgotla a babereki mo kgwetlhong e tona ya go buelela maloko a sa direng tiro sentle.
Mme Gaseitsiwe rotloeditse maloko go aga le go godisa mokgatlho wa BLLAHWU gore o tswelele o ba buelela le go ba ema nokeng ka tsa diphitlho le tsa madi, a tlhalosa fa a swabisiwa nko ke go bona maloko mangwe a tsweletse ka go itlhokomolosa mokgatlho wa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Moletlo wa Ipelo
Date : 17 May 2022