Mapodisi a tshwenngwa ke dikgang tsa go ikgapela botshelo
17 May 2022
Mapodisi a Mochudi a tshwentswe ke dikgetse tsa borre ba ba ikgapelang botshelo tse di tsweletseng ka go gola mo kgaolong.
Mo potsolotsong le BOPA, Mookamela mapodisi a Mochudi Superintendent Smash Mokoba a re dikgetse tse tsotlhe ke tsa bo rre ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le masome a mararo le botlhano.
Supt Mokoba a re fa e sale kgwedi eno e simologa ba gatisitse dikgetse di le nne, ya ntlha e le kwa kgotleng ya Ntshinoge kgwedi e tlhola malatsi a le mabedi, tse pedi kgwedi eno e tlhola malatsi a le marataro kwa Bokaa le kwa kgotleng ya Boseja.
Supt Mokoba a re kgetse ya bone e diragetse kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le bongwe kwa masimong a Tloaneng.
A re mo dikgetsing tse tsotlhe, ga gona ope yo o tlogetseng mokwalo kgotsa molaetsa wa gore bothata bo tlhagile fa kae.
A re ba itemogetse fa se se supa fa batho ba borre ba tshwenyegile ka jalo a rotloetsa setshaba go ikuela mo go bo mmaboipelego, mapodisi kgotsa bagolo ba motse fa ba na le mathata.
O tlhalositse fa go ikgapela botshelo e le tatlhegelo mo lefatsheng ka jaana bangwe ba bone e le batlhokomedi kwa malwapeng a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 17 May 2022