Breaking News

Bogogobo o ipelela maduo

17 May 2022

Barutabana ba rotloeditswe go dirisa methale e mesha e e akaretsang maranyane go tokafatsa boleng jwa thuto.  

Fa a bua kwa moletlong wa kabo dietsele kwa sekoleng se se botlana sa Bogogobo ka Labotlhano, Moeteledipele wa khansele potlana ya Tsabong Rre Ronald Baitsewe o supile fa barutabana ba tshwanetse ba ikitaya ka thupana go dirisa ditselana tse disha tse di tlhabologileng gore thuto e tsene sentle mo baithuting.

 O ne a akgola sekole se se botlana sa Bogogobo go bo se ne se tsere maemo a ntlha mo kgaolong ya Kgalagadi mme e bile se dirile bontle thata mo lefatsheng ka maemo a borataro.  Rre Baitsewe, yo e leng mogokgo wa pele, one a kgothatsa barutabana go tshwara ka natla.

A re sekole sa Bogogobo se tsentswe mo lenaneong la Khansele go baakanngwa kgwedi eno e ya fifing. 

Are seo se tla thusa thata gore sekole se tswelele se dira bontle.  

O supile fa puso e tlaa tsenya maranyane a internet mo dikolong, mme a supa fa go tlaa simololwa kwa dikoleng tse dikgolwane.

A re baithuti ba tlaa rekelwa didirisiwa tse di tla ba thusang go dira tiro ka maranyane, a tlatsa ka go supa fa go tlhagoga ga segajaja sa COVID-19 go senotse gore thuto e amega thata fa go na le diemo tsa tlholego.

Rre Baitsewe, o ne a rotloetsa tirisanyo mmogo ya batsaya karolo botlhe mo thutong, a rotloetsa banni ba motse le dikhamphani go dirisa lenaneo la puso la Adopt-A-school go thusa go tokafatsa maduo mo dikoleng.

Mogokgo wa sekole seo, Rre Keduetswe Kgositlou o tlhalositse fa sekole se, ele sengwe sa tsa ntlha mo kgaolong eo tse di saleng di bulwa pele ga lefatshe leno le tsaya Boipuso, a supa jalo gore se alositse baeteledipele ba le mmalwa ba ba tswang mo kgaolong eo. 

A re go tshwaragana le batsaya karolo ba thuto go thusitse sekole go tokafatsa maduo, a re ka ngwaga wa 2017 se ne se tsere 44 per cent, ka 2018 sa tokafatsa sa dira 50 per cent, ka 2019 sa dira 75 per cent. Ka ngwaga wa 2020 sa wela kwa tlase sa dira 57 per cent, mme ya re ngogola sa dira diaba go tsaya 100 per cent mo matshwaong a ABC.

Rre Kgositlou a re sekole seo se tswa kgakala se iteisanya borathana le sekole se se mabapi sa Kolonkwaneng,  ka jalo a phophotha legetla botlhe ba ba tsereng karolo go ntsha maduo a a nametsang go akaretsa ba sepodisi kwa Middlepits, Mokhanselara wa pele wa Bogogobo/Kolonkwaneng Rre John Lentshikang, First Capital Bank, Furniture Mart, mokhanselara wa Bogogobo/Kolonkwaneng Rre Ikitseng Dipone le boeteledipele jwa motse.

Morotloetsi wa kabo dietsele eo, Mokhanselara wa Tsabong borwa, Rre John Lentshikang a re kabo dietsele eo e simologile ka ngwaga wa 2014 ka maikaelelo a go tokafatsa maduo mo kgaolong eo. 

A re dikole di iteisanya borathana go gapa kopi (trophy) e e neelwang sekole se se gaisitseng, a supa ga gona le dikopi tse di botlana di le tharo tse di neelwang baithuti ba ba gaisitseng mo dithutong ka go farologana.

O ne a tlhalosa fa thotloetso eo, e thusitse gore maduo a tokafale mo kgaolong eo.

Mokhanselara Dipone ene o supile gore go botlhokwa go rotloetsa thuto go tswa kwa moding. Rre Dipone le ene o ne a rotloetsa tiriso ya maranyane mo dikoleng go lepalepana le dinako tsa segompieno, le go aga moithuti yo o kgonang go phadisanya le balekane ba gagwe ba ba kwa ditoropong.       

Kgosi Benjamin Bailelwang wa Bogogobo o ne a rotloetsa mowa wa boipelego, a kopa banni go tsaya karolo mo dithutong tsa bana. A re sekole se se botlana sa Bogogobo se kgonne go dira sentle ka morafhe o ne o se eme nokeng.

O tlhalositse fa barutabana ba kopana le dikgwetlho jaaka tlhaelo ya dibuka le tlhaelo ya boroko, ka jalo a rotloetsa banni go aga matlo gore ba kgone go thusa badirelapuso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : BOGOGOBO

Event : Kabo Dietsele

Date : 17 May 2022