Kereke e abela batlhoki kwa Shorobe
17 May 2022
Kereke ya Christian Empowerment Church (CEC) kwa Maun e abetse malwapa a ba ba tlhokileng lesego dijo tse di lopileng madi a a kanang ka P5 500 kwa Shorobe.
Fa a abela malwapa ao, a le masome a mabedi, Moruti Thunder Barrack o tlhalositse fa dimpho tse e le go supa lerato mo setshabeng.
A re le ntswa kereke ya bone e tsenela kwa Maun ba na le maloko mo motseng wa Shorobe a a thusitseng go ba golaganya le ba ba neng ba abelwa dimpho tse.
Moruti o boletse fa Sekeresete e se go rera lefoko la Modimo fela mme e le go supa ka ditiro tsa bopelo tlhomogi.
Moruti Barrack o rotloeditse ba ba abetsweng dijo gore ba seka ba akanya gore dijo tse ke go ba ntsha mo tlaleng fela mme e nne molaetsa wa gore Modimo o a ba rata.
O tsweletse a re maikaelelo mangwe a kereke ya Christian Empowerment Church ke go agela batlhoki matlo mo isagong go fetola matshelo le go fa malwapa a a amegang seriti.
Kgosi Maphomo Maphomo wa Shorobe o ne a leboga kereke ya CEC go bo e atolotse lebogo go aba mo motseng wa Shorobe ka jalo a ba eleletsa tse dintle mo kgolong ya kereke ya bone.
O kopile ba ba abetsweng dijo gore ba di somarele ebile ba seka ba di rekisa go reka sepe se se seng botlhokwa.
Kgosi Maphomo a re go a itumedisa go bona dikereke di tsentse letsogo go thusa sechaba ka go dira ditiro tsa bopelo tlhomogi ka jalo a akgola maiteko a CEC.
E rile a bua mo potsolotsong, mongwe wa ba ba amogetseng dimpho Mme Kemotho Ntsie o ne a tlhalosa fa a itumetse thata a re dijo tse di tlaa mo thusa thata ka a na le bana ba batlhano ba a ba tlhokomelang.
O ne a leboga kereke ya CEC go mo abela ntswa a sa tsene kereke e, a re se, se supa fa ba diragatsa thomo ya Modimo.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Sankoyo/Shorobe Rre Oabilwe Chombo o buile fa dimpho tse di tlaa namola malwapa a abetsweng mo tlaleng.
O tlhalositse fa go na le batho ba ba tlhokang mme ba sa thusiwe ka lenaneo lepe la ga goromente ka melawana e e beilweng e sa ba letlelele, a re dithuso tsa mofuta o di a thusa.
Ka jalo Rre Chombo o ne a kopa setshaba go gakologelwa batho ba.
Mokhanselara o ne a re motho yo o neelang o botlhokwa thata ebile ga a nke a lebalwa ke ba a ba abetseng, a tlatsa ka gore kereke e, e tlaa nna e agile mo dipelong tsa banni ba Shorobe Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : SHOROBE
Event : Kabo Dimpho
Date : 17 May 2022