Breaking News

Pule o kgala thekiso ya lefatshe

17 May 2022

Lefatshe ke letlotlo le boswa jwa dikokomane ka jalo go botlhokwa go le somarela.

Se se builwe ke Mopalamente wa Mochudi Botlhaba Rre Mabuse Pule, kwa phuthegong ya kgotla kwa Oodi bosheng.

Rre Pule, yo gape e leng mothusa-tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, o ne a kgala a sa kgwe mathe banni ba motse oo ba ba rekisang ditsha tsa bone.

O tlhalositse fa motse o tshwana le Oodi o o gaufi le toropo-kgolo o meletswa mathe ke ba le bantsi bogolo jang batswakwa.

Mo go tse dingwe, Rre Pule o ne a kgala batsadi bangwe ba ba nang le seabe mo tirisong ya dinotagi e e dirwang ke bana ba sekole bogolo jang se segolwane sa Oodima.

A re dipatlisiso di supa fa bontsi jwa bana ba ba tlhokang tsebe gape ba bogisa ba bangwe kwa dikoleng e le ba ba sa fiweng lorato sentle kwa malwapeng, ka jalo go le mo maruding a batsadi go netefatsa gore bana ba bewa leitlho le go fiwa tlhokomelo e e tshwanetseng.

Mogolwane wa tsa thuto wa kgaolo ya Kgatleng, Rre Mothusi James ene o ne a supa fa go le boammaruri bana ba sekole ba inaakantse le ditagi ka dipalo tse di kwa godimo.

Rre James o boletse ditagi di tumile ka mefuta, bogolo jang mo dikoleng tse dikgolwane kwa kgaolong eo.

A re ke go tlhoka boikarabelo gore batsadi ba rekisetse bana ba dingwaga tse di kwa tlase bojalwa kgotsa ditagi, a tlatsa ka gore se se ba rontsha sebaka sa go gola ba na le maikarabelo ebile ditagi di ama dithuto tsa bone.

Ka jalo, o ne a kopa batsadi go ikatumetsa dikolo gangwe le gape go lekola gore bana ba bone ba dira jang mo dithutong.

O ne a kopa batsadi gape go rotloetsa bana go ikgapha mo go senyeng dithoto tsa sekolo jaaka go roba ditilo, ditafole le go kwala mo maboteng a matlo a borutelo.

Mo go la gagwe, Kgosi Masego Semele o ne a ikuela ka leswe mo motseng, a rotloetsa banni go ikgolaganya le ba khansele ka dituelo gore ba kgone go tseelwa matlakala mo malwapeng.

O ne a supa gape fa ditsela mo motseng wa Oodi di se mo seemong se se nametsang, bogolo jang e e tshwaraganyang Oodi le Matebele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 17 May 2022