Breaking News

Ba dira molato gantsi ba tlhatlhojwe tlhaloganyo

16 May 2022

Monni wa motsana wa Makoro kwa kgaolong-potlana ya Palapye a re batho ba ba dirang molato mo morago ga o mongwe ba tlhatlhojwe go tlhola fa ba se dirisiwe seo ke go tlhoka go itekanela sentle mo tlhaloganyong.

Monni yoo Rre Itumeleng Busang o boleletse lekoko la tshekatsheko molao-motheo fa le ne le etetse koo ka Mosupologo gore tlhatlhobo eo e ka thusa gape go tlhomamisa gore a batho ba go nna jalo ba siametse go ka fiwa sebaka sa go ka tswelela ba tshelela mo setshabeng.

Rre Busang a re le fa se se molemo e ka nna go iletsa batho ba go nna jalo go ka emela tsheko kwa ntle fa ba tsweletse ga go tlola molao, go ba tlhola seemo sa tlhaloganyo go ka thusa mo go batleng modi wa gore ke eng gangwe le gape ba iphitlhela ba fapogile se se batlwang ke molao.

Go sale foo, o ne gape a kopa gore molao-motheo o tlame puso go fa batho ba ba sa berekeng lemme la itshetso, seo e le maiteko a go ba nolofetsa mabaka a botshelogore ba tle ba seka ba wela mo isong.

A re mo go ba ba santseng ba nale thata ya go ka bereka eble dingwaga di ba letla, lemme la go nna jalo le ka thusa go menagane ka ba ka le dirisa go kgarametsa maiteko a bone a go batla mebereko.

Rre Obakeng Sebele o ne ene a kopa gore molao-motheo o lemoge go nna teng ga boloi, o bo o rebole dingaka tsa setso go ka dirisiwa ka fa molaong go tlhola gore a sepe fela se ntse ka tsela e se ntseng ka yone e le ka ntlha ya boloi kana jang.

Mo go e sele, o kopile gore molao o patike motho go ikwadisa le go tlhophela fela kwa lefelong le le rileng fa a nnile dingwaga tse tlhano go ya kwa godimo teng.

A re sebaka seo se lekane go rurifatsa gore motho o ka isediwa ditlamelo le ditirelo kwa lefelong leo ka jaanong mo go ene le a bo e le lone legae la boammaaruri.

Rre Bame Tapiso ene o ne a bua ka dithuso tsa madi a banana, tse a kopileng fa di tshwanetse tsa lebaganngwa le bagolo mme banana bone ba thapiwa mo ditirong tse di ntseng di tshegeditswe ke bagolo.

A re go tshwanetse ga rotloediwa bagolo go sutela banana mo ditirong mme bone ba ya go bula dikgwebo jaaka go solofetswe gore banana ba dire.

Obile a kopa gore molao o letle gore dingaka tsa setso di dire mmogo le tsa segompieno, seo e le go nontsha maiteko a gore setshaba se bone ditirelo tsa botsogo tse di lekaneng.

A re bongaka joo bobedi bo nale ditlhaelo tsa jone mme a bolela fa go bereka morago go ka thusa gore bo kgabetsanye ka jo bongwe bo ka nna le dikitso dingwe tse jo bongwe bo tlhaelang mo go tsone, mme kwa bofelong molwetse e nne ene a sologelwang molemo ke tshwaragano eo.

Rre Moses Maoto o gakolotse fa nako e gorogile ya gore tsamaiso ya lefatshe la morafe (tribal land) le la beng (freehold) di fetolelwe mo go la puso.

A re go dira jalo go ka tlhomamisa gore puso ga e latlhegelwe ke taolo ya lefatshe ebile ga e na go tsoga e iphitlhela e kgorelediwa go dira tse di ka sologelang setshaba mosola ke gore lefatshe le bo le se mo diatleng tsa yone.

Mme Tshiamo Tabona o ne ene a supa fa go le botlhokwa gore ope yo go bonwang meamuso epe fela ya tlholego e akaretsa ditswammung mo lefatsheng la gagwe a akolwe dipoelo tsa se se tlaa bong se bonwe foo.

A re mo boemong jwa go mo fa phimolo-dikeledi, motho wa go nna jalo a fiwe dikatso tsa kgwedi le kgwedi botshelo jwa gagwe jotlhe.

A re phimolo dikeledi ga e a lekana go tshetsa moamogedi wa yone ka sebaka, mme go le thona gore a bo a ka tsoga a wela mo isong mme lefatshe le le tserweng mo go ene lone le tsweletse ka go ntsha didikadike tsa madi.

Rre Oteng Masilo o ne a ikuela mo molaong go kgaoganya dikolo ka dithuto tse di rileng, maikaelelo e le gore sekolo sengwe le sengwe se itebaganye le go ntsha ditshimega tsa dithuto tse di rileng go nale go goboka dithuto.

A re seo se ka thusa bana go betla motlhala wa thuto o o ka ba isang golo gongwe go tswa mo go reng ba supile nonofo le lorato mo dithutong dife. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MAKORO

Event : Tshekatsheko molao-motheo

Date : 16 May 2022