Breaking News

Maemelo a dipalamo a a baakanngwa

16 May 2022

Maemelo a dipalamo tsa setshaba a Mahalapye a tlaa tswalwa mo bogaufing go fa rakonteraka sebaka sa go baakanya lefelo leo.

Tiro eo, e e tlang morago ga go supafala fa le ne le sa dirwa sentle  e solofetswe go tsaya dibeke di le thataro.

 Dipalamo le barekisi ba tlaa sutisiwa go neela khamphani e e baakanyang sebaka sa go dira tiro  ba sa kgorelediwe ke sepe.

Se se builwe ke mokwaledi mogolo wa khansele potlana ya Mahalapye Mme Gomolemo Moepeng fa a rerisa khansele ka Labotlhano. Are maikaelelo ke go rulaganyetsa paakanyo ya maemelo a dipamalamo ka tiro ene ya seka ya tsamaya sentle.

 A re madi a ba neng ba a filwe go baakanya maemelo a dipalamo, ga a ka a lekana ka ba ne ba a kgaoganya ka ditiro tse dingwe.

Mme Moepeng o tlhalositse fa ba ne ba kgona go dira ditiro tsotlhe tse di neng di le mo moalong, mme maemelo a dipalamo a supa fa a sa direga sentle ebile a tlhoka go baakanngwa gape.

A re ba ne ba lekodisa khansele ya Legare seemo mme ba thusiwa ka madi go batla baitsaanape ba ba ka tlhatlhobang mmu le didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo.

A re ba bone go tshwanela go itsise setshaba le bagwebi go itsa ketsaetsego, a re ba solofela fa tiro e tlaabo e wetse mo bekeng tse thataro fa e sena go simololwa .

Motsamaisa paakanyo ya ditsela wa kgaolo potlana ya Mahalapye Rre Balekodi John a re ba tlaabo ba beile moemedi wa bone go laola le go leba tsotlhe tse di dirwang ke rakonteraka .

O tlhalositse fa ba tlaa netefatsa gore setshaba se sireletsegile  ka nako tsotlhe fa go baakanngwa ba bo ba netefatsa gore matshwao a a tsenngwa go laola motsamao wa setshaba le bapalami.

Fa a tswa la gagwe, Mothusa kgosi ya Mahalapye kgosi Tshipe Tshipe a re morero ke one mokwatla wa tsamaiso  ya lefatshe, a re pele go ka dirwa tiro go tshwanetse ga rerisanwa gore morafe o kgone go amogela ka jalo o lebogetse khansele go ba bitsa.

A re ba kopane makgetlho a le mantsi go buisana ka paakanyo e, mme a dumela gore tiro e tlaa tsamaya sentle.

Fa a akgela mabapi le nako e e beetsweng rankontera, a re o tshwenngwa ke gore nako e e beilweng e khutshwane.  

A re go nna ka fa tlase ga kgatelelo ya nako go ka dira gore modiri a seka a dira tiro sentle go bo go ba busetsa mo seemong se se fetileng.

Kgosi Tshipe o supile fa tiro e se ya khansele fela mme o kopile morafe le bagwebi go nna le mowa wa tirisano mmogo gore tiro e dirwe ka manontlhotlho ka ese ya Mahalapye fela, mme ba thusa lefatshe lotlhe le bajanala.

Fa makhansela a kgaolo potlana ya Mahalapye a akgela, ba ne ba botsa gore a go dirilwe dipatlisiso go rurifatsa gore rakonteraka ke monni wa Mahalapye le gore a ba tlaa hira bana ba Mahalapye.

Modulasetilo wa lekgotla la dipalamo tse dinnye(taxi association) Rre Tshiamo Magapa o ne a kopa gore go bitswe motho yo o nang le boitsaanape go itsa matlhabisa ditlhong.

O ne a kopa gore ba gopelwe tsela e ba tlaa bong ba e dirisa fa dipaakanyo di santse di tsweletse.

Fa a araba dipotso le dikakgelo Rre John are ba dirile mo ba go kgonang go dira dipatlisiso tsa go rurifatsa rakonteraka. O tlhalositse fa kompone e  patelesega go hira bana ba Mahalapye e le bathusi mme baitseanape ga e patelediwe.

O ne a tlatsa ka gore rakonteraka o tlaa tswala gotlhe gore tiro e seka ya tsaya lebaka le go itsa dikoketso tsa malatsi a tiro gore e fele.

O supile fa ba tlaa leka go baakanya fa dipalamo tse dinnye di tlaa emang teng le go gopa tsela go fokotsa mosuke mo ditseleng tse dingwe.

Fa a garela puisano ya letsatsi Rre Joseph Tjienda a re ba ne ba dumela gore tlharabololo e tsile.

O boletse fa go ngongorega ga banni ba Mahalapye go ne ga ba  thusa go bona madi ka bofefo go dira dipaakanyo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaone Fati le Onkarabile Moeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 16 May 2022