Majalwa a maitirelo a borai - Kgosi
16 May 2022
Kgosi Tsholo Segwagwa wa Kaudwane a re majalwa a a dirwang mo malwapeng a borai fela thata mo matshelong a batho.
E rile a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, Kgosi Segwagwa a supa fa batho ba le babedi ba setse ba tlhokafetse, morago ga go nwa majalwa a mofuta oo.
A re le ntswa a sa tlhomamisa gore e go tsenngwa eng mo majalweng ao, go supega fa a le bogale fela thata, mme mangwe a felela a le botlhole mo mebeleng ya banwi ba one.
Kgosi a re ka bontsi jwa morafe bo sa bereke, ba felela ba itirela majalwa mo malwapeng go rekisa, mme bangwe ba tsenye metswako e e borai.
A re ba ne ba felela ba bitsa phuthego go buisana ka dikgang tsa majalwa ao, e le tsela nngwe ya go gakolola ba ba a dirang ka bodiphatsa jwa one.
Kgosi Segwagwa o ne a lebogela phokotsego ya dintwa mo motseng, bogolo jang ko go nwelang bojalwa teng.
E re dikgang di eme jalo, a re ba tshwenngwa ke diphologolo tsa naga jaaka ditau le ditlou tse di tlhagileng mo terateng ya lefelo la diphologolo la Khutse.
A re ditau di ba jela leruo, fa ditlou di kgona go ralala motse mme di tsenye matshelo a morafe mo diphatseng.
O ne a lebogela morafe go obamela melawana ya ba botsogo ya COVID-19, a re seo se babaletse matshelo a bone fela thata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : KAUDWANE
Event : Potsolotso
Date : 16 May 2022