Breaking News

Kgosi Phuthego o bolokilwe kwa Maboane

16 May 2022

Dibui ka go farologana di kaile fa Kgosi Kaisara Phuthego, yo o bolokilweng ka Matlhatso kwa Maboane, e ne e le moeteledipele wa tlhwatlhwa yo neng a na le tebelopele e e eletsegang ka motse wa gagwe.

Kgosi Phuthego o tlhokafetse kgwedi eno e tlhola ga rataro.

Mongwe wa matshwititshwiti a a neng a tsene phitlho ya ga ka Matlhatso, Kgosi Mothibe Linchwe, yo e leng mookamedi wa ditsheko tsa makgotla a Setswana, o ne a supa fa boora-Motseonangeng ba sa latlhegelwa ba le nosi ka jaana ngwana wa bone e le moeteledipele wa setshaba.

Kgosi Linchwe a re ka jaana Setswana se re ‘more mogolo go betwa wa taolo wa motho wa ipetla’, Kgosi Phuthego o ne a ipetlile gore a kgone go etelela morafe wa gagwe ka botswerere.

O ne a kopa morafe wa Maboane go sala ba tshwaragane ka kagiso gore ledula le ba ntseng ba na le lone.

Mopalamente wa Takatokwane Rre Tshoganetso Leuwe a re Kgosi Phuthego e ne e le moeteledipele wa nnete, a le senatla ebile a na le boikarabelo jo bo kwa godimo ka a ne a tsaya tiro ya gagwe ka thwaafalo.

“Re fitlha mogaka, letsopa le robetse. Setlhare se se neng se ba fa moriti se ole mme re tshwanetse ra leba kwa Modimong go kopa kgomotso ka jaana go se motlhofo go amogela seemo,” ga bua Rre Leuwe.

O ne a supa fa moswi e ne e le motho wa batho, a rata dinyao, gape a na le monyenyo o o neng o paledisa motho go ka mo gana fa a kopa sengwe.

“Go gontsi mo re neng ba go solefetse mo go ene, mme Modimo o dirile thato ya gagwe mme re tla sala re mo gopola ka ditiro tsa gagwe tse di molemo jaaka go emela ka dinao kago ya sepatela e le ka thuso ya moepo wa Jwaneng.”

Mo go la gagwe, mookamedi wa moepo wa Jwaneng Rre Keolatotse Keolatotse o kaile fa ba ne ba bereka sentle le Kgosi Phuthego.

Rre Keolatotse o supile fa Kgosi Phuthego a ne a na le botlhale jo bo tseneletseng le maikaelelo a go tlhabolola thuto, botsogo le tsa temo-thuo mo kgaolong ya gagwe.

O ne a supa gape fa Kgosi Phuthego a ne a le boikobo ebile a na le lorato, selo se a reng o se bona le mo morafeng wa gagwe.

Fa a bua mo boemong jwa dikgosi, Kgosi Visco Tsiane o boletse fa ba ne ba santse ba solofetse go le gonsti mo go Kgosi Phuthego ka jaana a ne a sale monnye .

O ne a tswelela ka go mo kaya e ne e le motho yo o botlhale, a itse ditsamaiso tsa ditsheko mme e bile a ithutile tiro ya bogosi mo go ene ka a mo fitlhetse mo setilong.

Mohumagadi wa ga Kgosi Phuthego, Mme Masego Phuthego o ne a tlhalosa fa monna wa gagwe a ne a kubugelwa ke bolwetse morago ga phitlho ya ga rakgadiagwe kwa Molepolole.

A re o ne a lela ka tlhogo e e opang mme ba felela ba mo isitse kwa kokelong ya Sidilega mo Gaborone kwa a neng a thusiwa teng mme a ntshiwa.

A re e ne ya re morago ga malatsi a mabedi a boela teng kwa a fetileng a robadiwa go simolola kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi a le borobabongwe go fitlhela e le masome mabedi le boferabobedi.

O tlhalositse fa dikgaka di ne tsa dira gotlhe mo di ka go kgonang go thusa monna wa gagwe mme morago o ne a isiwa kwa Gaborone Private Hospital mme seemo sa seka sa tokafala go fitlhela a tlhokafala kgwedi eno e tlhola ga rataro.

O ne a lebogela kemo nokeng ya botlhe, bogolo jang bo kgaitsadie ka gone go se bonolo gotlhelele.

A re monna wa gagwe e ne le motho wa dinyao mme a rata morafe le setshaba.

Kgosi Phuthego o tsene mo bogosing ka kgwedi ya Mopitlo ka ngwaga wa 2015 morago ga go bereka ka lebaka mo lephateng la metsi. O tlogela mohumagadi le ngwana wa mosimane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MABOANE

Event : Tirelo ya Phitlho

Date : 16 May 2022