Lephata le tlhaelelwa ke madi a mmele
16 May 2022
Batswana ba rotloediwa go aba madi ka jaana tlhaelo ya one e le kwa godimo thata.
Se se builwe ke mookamedi wa mabolokelo a madi a mmele kwa kokelong ya Sekgoma Memorial, Rre Leabaneng Molomo, bosheng fa badiri ba botsogo ba ba direlang kwa kokelong eo le morafe ba ne ba aba madi.
Rre Molomo a re ba ne ba bona go le botlhokwa gore badiri ba lephata la gagwe ga mmogo le setshaba ba abe madi a mmele ka tlhaelo ya madi a mmele e le kwa godimo.
O supile fa mabolokelo a a kwa Gaborone le Francistown a sena sepe mme a kopa setshaba go ba thusa go aba madi a mmele gore ba tle ba kgone go boloka matshelo.
Rre Molomo a re fa batho ba ka aba madi a mmele ka dipalo tse di kwa godimo ba ka kgona go thusa le go boloka matshelo a bao ba ba tlhokang madi jaaka bo mme ka nako ya pelegi, ba dikotsi tsa dikoloi, ba ba dirwang learo le ba madi a a kwa tlase.
Mo go la gagwe, motlhatlhelela dithuto tsa botsogo, Rre Pako Maikano a re moono wa letsatsi leo e ne e le go tsosolosa se ba neng ba sa kgone go se dira ka mabaka a bolwetsi jwa COVID-19.
Rre Maikano o ne a supa fa ba bone go le botlhokwa go aba madi a mmele gore ba nne sekao mo setshabeng, mme a kopa setshaba go ba thusa ka go aba madi a mmele.
Ngaka kwa sepateleng sa Sekgoma, Dr Onkgopotse Oduetse o ne a supa fa go aba madi go le mosola thata ka yo o a abang o a bo a thusitse yo o a tlhokang gore a tshele.
Dr Oduetse o ne gape a tlhalosa fa bao ba ba abang madi ba sekwasekwa pele go tlhomamisa fa ba itekaneletse go ka dira jalo.
Mongwe wa baoki yo o direlang kwa go abiwang madi a mmele teng, Mme Tebogo Lebang o ne a leboga ba ba kgonneng go aba madi a mmele.
Mme Lebang o ne a kaya fa go aba madi e le boithaopo le go utlwela ba bangwe botlhoko. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mbaeva
Location : SEROWE
Event : Kabo Madi
Date : 16 May 2022