Breaking News

Maloko a rotloediwa go bala molao-motheo

16 May 2022

Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane o rotloeditse maloko a Botswana Democratic Party (BDP) go bala molao-motheo wa phathi le go itse maitlamo otlhe a e ipapatsang ka one, fa e ya ditlhophong. 

Rre Tsogwane, yo gape e leng modulasetilo wa BDP le Mopalamente wa Boteti Bophirima, o buile se, ka Matlhatso, ko bokopanong jwa BDP, jwa kgaolo ya Mahalapye botlhaba, jo bo neng bo tshwaretswe go tlhopha komiti ya kgaolo, kwa Mookane. 

“Fa le sa bale molao-motheo wa phathi, kgotsa le o ikgatholosa, le ya go iphitlhela le timeditse batho ka gore phathi e ipapatsa ka maitlamo le molao-motheo wa yone,” ga bua Rre Tsogwane. 

O kopile maloko go itsaya ka tlhwaafalo, a bo a gatelela gore go botlhokwa gore ba ikgakologelwe ka go nna ba itsheegile ka molao-motheo wa mokgatlhonako tsotlhe. 

“Fa re ka ikanya go ba la molao-motheo wa phathi, re tla kgona go itse boikarabelo jwa rona le go itse se re se tlhophelwang. Fa re sa dire jalo, le lona le le maloko le tla tsiediwa ke batho ka bontsi,” a tlhalosa. 

Maitlamo a BDP, a 2019, Rre Tsogwane a re a tsamaelana le Tebelopele ya Setshaba ya 2036. 

Ka jalo, o gateletse gore maloko a ele se tlhoko le go lemoga gore ba ikaegile ka go diragatsa le go selamorago dikeletso tsa Domkrag. 

O kopile maloko a Mahalapye botlhaba go busetsa kgaolo eo ya botlhophi mo BDP, ka ditlhopho tsa 2024. O akgoletse maloko gore le ntswa ba latlhegetswe ke kgaolo, ka ditlhopho tsa 2019, ba ntse ba tsweletse ka go direla kgaolo ya bone gammogo le phathi. Rre Tsogwane a re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ke moeteledipele yo nang le tebelopele ebile a tsisitse diphetogo mo lefatsheng. 

Ka jalo, o rotloeditse maloko go dira ka natla go mo ema nokeng go fitlhelela maikaelelo otlhe a gagwe a go tlhabolola Botswana. 

A re itsholelo ya lefatshe ga e kake ya tswelela ka go ikaega ka diteemane fela. 

E re le ntswa go tlhagoga ga segajaja sa COVID-19 go ne ga kgoreletsa kgolo ya itsholelo, a re se se itumedisang ke gore “re na le Tautona o emeng ka di nao go godisa itsholelo ka go ngoka babeeletsi kwa ntle le go bona gore lefatshe la rona le itsiwe lefatshe lotlhe ka bophara.” 

Modulasetilo o ne a amogela maloko a party a masha a neng a boela gape mo BDP, go tsweng ko Umbrella for Democratic Change.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : MOOKANE

Event : Puthego ya Mokgatlho

Date : 16 May 2022